Breaking News

Mzwinila o kgothatsa banana go ithusa ka mananeo

08 Aug 2017

Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa lephata la banana, metshameko le tlhabololo ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o kgothaditse banana ba Tamasane, Mogapinyana, Mogapi, Kgagodi le Diloro go inaakanya le mananeo a lephata leo ka a diretswe go tlhabolola matshelo a bone le metse ya bone.

Mothusa tona o buile jaana kwa pitsong e e neng e ngokile banana ba metse eo ka dipalo tse di kwa godimo, kwa kgotleng ya Maokatumo bosheng.

Rre Mzwinila o tlhalositse fa pitso eo e tsile morago ga dingongorego tsa banana gore ga ba thusiwe sentle mo diofising.

A re lephata la banana maikaelelo a lone ke go bona banana ba itlhametse ditiro go fokotsa letlhoko la mebereko.

O supile fa maitlamo a lephata leo e le gore fa 2019 a wela, banana ka bontsi ba bo ba kgona go ikemela ka nosi mo dikgwebong.

A re 62 ya batho mo lekgolong mo Botswana ke banana ba e bileng ba na le dithutego tse di kwa godimo.

Rre Mzwinila a re se ka bosone se supa fa banana e le baeteledipele ba nako ya gompieno le go ya pele.

Mopalamente Mzwinila o ne a tlhalosa fa lephata le tshwentswe ke banana ba ba thusitsweng ka madi a ba tshwanetseng go busa bontlha bongwe jwa o ne, mme ba sa dire jalo.

O ba kgothaditse go busa madi gore banana ba ba santseng ba emetse go thusiwa ba kgone go thusiwa ka nako.

Rre Mzwinila a re puso e rwele boikarabelo jwa go nonotsha banana ka ditsela tse di farologaneng, a re dikgaisano di tshwana le tsa ga Tautona ke nngwe tsela ya go suga banana ditlhaloganyo le go ba ruta ngwao le botho gore ba tsoge e le baeteledipele ba ba nang le boikarabelo.

Molomaganya ditiro tsa lephata kwa kgaolong ya legare, Rre Pako Sisuku a re go ya ka ditshekatsheko tsa lephata, banana ba sa ntse ba goga dinao go dirisa mananeo.

Rre Sisuku o rotloeditse banana go tlhoafalela go tsaya mananeo a puso ka a diretswe bone.

O tlhalositse fa maikaelelo a lephata go kopana le banana e le gore e re morago ba kgone go tswa ka ditharabololo tsa gore ba ka tokafatsa ditirelo tsa bone jang.

Moememedi wa banana ba Tamasane, Mme Kesego Ikanyeng o tlhalositse fa bontsi jwa nako banana ba sena sebaka sa go ntsha megopolo ya bone, a tlhalosa fa difomo tse di tladiwang go kopa madi di le thata mo banana ka bontsi ba sa di tlhaloganyeng, a re se ke kgwetlho e e dirang gore e nne o kare banana ga ba kgatlhegele mananeo.

Mme Ikanyeng a re lephata la banana le tsaya nako go tsibogela dikopo tsa bone.

Pitso eo, e ne e ngokile maphata a puso le a a ikemetseng ka nosi go tla go ruta banana ka ditirelo tse ba nang le tsone tse di ka ba thusang go itlhamela ditiro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MAOKATUMO

Event : Pitso

Date : 08 Aug 2017