Breaking News

Lenaneo la go tlhatswa metsi le tsweletse

07 Aug 2017

Bomme, ba khamphani ya Azit Still ater ba tlhalositse fa thulaganyo ya nyeletso lehuma ya go tlhatswa metsi ba bo ba a rekisetsa sehaba e tsamaya sentle.

Mo potsolosong, Mogolwane wa Azit Still Water, Mme Onkokame Podisi o tlhalositse fa kgwebo e, e simologile ka 2015, ba thusiwa ke ofisi ya nyeletso lehuma kJwaneng.

O tlhalositse fa ofisi e ne ya ba rekela metshine e e tlhatswang metsi le o o tswalang mabotlolo 2015.

Mme Podisi o buile gore e re ka toropo ya Jwaneng e na le metsi a a letswai, bomme ba le bararo ba ne ba ikopanya mme ba batla kgwebo ya go tlhatswa metsi go re ba tle ba thuse setshaba ka metsi a a monate a a monate.

E rile a tlhalosa ka kgwebo, Mme Podisi a re mo kgwebong ya bone ba rekisetsa batho metsi mo dikupung tse ba tlang ka tsone le go rekisetsa mabentlele.

O tlhalosa fa ba ipapatsa mo dikhamphaning, khansele le maphata a puso.

O tlhalositse fa kgwebo e ba thusa thata mo ba kgonneng go e godisa ka go reka motshine wa dipampiri, setsidifatsi le laptop e e ba thusang go kwala le go baya tsotlhe tse di botlhokwa tsa kgwebo.

Mme Podisi a re dikgwetlho tsa kgwebo ga se tse di tshwenyang thata ka ba leka go dira ka natla go di falola.

O buile fa tirisanyo mmogo le go buisana le bareki sentle go le botlhokwa ka e le bone ba godisang kgwebo.

O tlhalositse fa botho, lorato le go bereka ka natla go na le seabe mo go godiseng kgwebo

A re ba tlaa ikopanya le ofisi ya banana go kopa madi a ba ka rekang didirisiwa tse dingwe tse di ka tlhonolofatsang kgwebo ya bone go ya pele.

O buile fa maikaelelo a bone e le go godisa kgwebo mo ba tlaa felelang ba dira dikgapetlana tse di tsidifatsang dinotsididi go di rekisetsa batho le go rekisetsa ba mediro. 

A re maikaelelo a bone ke go bona metsi a bone a rekisiwa lefatshe ka bophara.

“Toro e nngwe ya rona ke go bona kgwebo e godile mo re ka felelang re hira bangwe ba banana ba Jwaneng,” Mme Podisi a tlhalosa.

Mme Podisi o gakolotse banana gore ba seka ba ikaega fela ka gore letlhoko la ditiro le lentsi mme ba itebaganye le go itshimololela dikgwebo tse dipotlana.

O gakolotse ba ba eletsang go simolola dikgwebo gore ba seka ba nna le boitlhobogo fa kgwebo e sa tsamaye sentle, ka jalo ba tsenye bopelotelele gore kgwebo e atlege.

O lebogetse kemo nokeng ya banni ba Jwaneng ba ba itumelelanng go bo ba tsile ka kgwebo ya go tlhotlha metsi letshwai. ENDS

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : JWANENG

Event : Potsolotso

Date : 07 Aug 2017