Breaking News

Lekgotla le rotloetsa thitibalo mo motseng

07 Aug 2017

Lekgotla la baruti la maunatlala le itumile molomo wa tlase gore go rene kagiso le thokgamo mo motseng.

Lekgotla le tlhamilwe ka maikaelelo a go bopaganya dikereke mo motseng oo ga mmogo le go nna le seabe mo go reng go nne kagiso le thokgamo gore banni ba motse wa Maunatlala ba kgone ba akole ditlhabololo tse puso e di tsisang.

Mo potsolosong le BOPA, modulasetilo wa lekgotla leo, Moruti Boiketlo Thapelo yo gape e leng Moruti wa kereke ya UCCSA mo Maunatlala a re lekgotla le le dira tiro ya lone le itebagantse le dintlha di le mmalwa mo go tlhabololeng matshelo a batho.

O tlhalositse gore lekgotla le le thusa puso go gasa melaetsa ka go ruta le go rotloetsa setshaba go lwantsha mogare wa HIV le go fa thotloetso le tsela e e siameng ya botshelo go botlhe ka thapelo.

A re lefatshe leno le na le kgwetlho e tona ya malwetse a a tshelanwang le a a sa tshelanweng, bogolo jang bolwetse jwa AIDS jo bo ileng ba gapa matshelo a batho ka dipalo tse di kwa godimo mo dingwageng tse di fetileng.

A re go botlhokwa gore dikereke di tshwaragane le puso go gasa melaetsa ka malwetse a ga mmogo le go rotloetsa banana go ikgapha mo tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang ba ise ba nyalwe kana ba nyale.

A re lekgotla le le itebagantse gape le go nyadisa le go fa dikgakololo le thuto mo go tsa nyalo le botshelo ka kakaretso.

A re ba itemogetse gore boleng jwa lenyalo bo tsweletse ka go wela tlase ntswa lenyalo e le selo se se rotloediwang mo bakereseteng, a re lenyalo ke lone motheo wa lelwapa.

A re fa go sena motheo wa lelwapa go tsala dilo tse dintsi, dingwe tsa tsone e le boitsholo jo bo sa siamang ga mmogo le palo e e kwa tlase ya batho.

O supile fa ba thusa ka go letlanya banyalani gore go nne le kagiso le thokgamo mo malapeng.

Moruti Thapelo o supile fa lekgotla le tlhatlhelela baruti le baeteledipele ba dikereke ka go farologana ka go rera lefoko la Modimo le go nna baeteledipele ba tlhwatlhwa.

“Maikaelelo a rona ke go bona dikereke ka go farologana di kopane di le moono mongwe ka rotlhe re rapela Modimo o le mongwe gape re le lekgotla re thusa dikereke tse di sa kwadisiwang go kwadisa le lephata la kwadiso ya mokgatlho ka fa molaong,” Moruti Thapelo a bua.

Moruti Thapelo a re lekgotla la baruti le ruta Moruti mongwe le mongwe go itse le go nna le boikarabelo mo setshabeng le go abelana maele mo go tsa thero le tiriso ya go farologana ga ditemana tsa baebele.

Modulasetilo wa lekgotla a re e sale jaaka lekgotla le tlhamiwa ba setse ba fitlheletse dilo di le dintsi mo motseng wa bone wa Maunatlala jaaka go rapedisa motse le banni, go ruta baruti ka thero le go abelana kitso mo lefokong la Modimo.

A re mo ngwageng o o fetileng ka kgwedi ya Lwetse ba kgonne go rapedisa lefatshe mo mafelong a a farologaneng jaaka dikgotlana le maphata a puso go simolola Lwetse a rogwa go fitlhela a fela ka letsatsi la boipuso kwa Kgotleng.

“Dikgwetlho tse re kopanang le tsone ke go goga dinao ga dikereke tse dingwe mo go nonotsheng lekgotla la baruti gore kereke nngwe le nngwe e nne le leloko mo lekgotleng, se sengwe ke go sa nneng teng ga banna mo mekgatlhong e tshwana e,” Modulasetilo Thapelo a tlhalosa.

Moruti o netefaditse gore lekgotla le bereka sentle le banana ba motse go leka go ba ntsha mo diemong tse ba kopang le tsone jaana letlhoko la ditiro le tiriso e e feteletseng ya nnotagi.

“Re le lekgotla la baruti re bereka ka natla go tswelela re tsholeditse seriti, boleng le serudumo sa tumelo ya Sekeresete,” Moruti Thapelo a bua.

Modulasetilo o tlhalositse fa ba rulagantse le banni, babereki, dikereke tsotlhe gammogo le baeteledipele ba Maunatlala gore e tlaa re Tshipi wa bobedi wa Phatwe ba bo ba phuthegile botlhe kwa Kgotleng kgolo ya motse go ya go rapedisa motse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : MAUNATLALA

Event : Potsolotso

Date : 07 Aug 2017