Breaking News

Ba Lephaleng ba roletswe kgosana

07 Aug 2017

E ne ya re kgwedi eno e rogwa kgotlana ya Lephaleng kwa Molepolole ya rolelwa kgosana ya tetlanyo ke bogosi jwa motse oo.

Kgosana Kruger Kareng go bolelwa a ne a sale a supilwe ka ditlhopho ke morafe wa kgotlana eo mo ngwageng o o fetileng gore a ba etelele pele.

E ne ya re a rola Kgosana Kareng mo morafeng, mogolwane mo bogosing jwa Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi a kopa morafe oo go ema Rre Kareng nokeng ka a supile fa kgosi e le kgosi ka batho.

O ba kopile goya ko go ene ka tlotlo e e mo tshwanetseng le gore ba tshwaragane le ene go batla lefelo le ba ka bayang kgotlana ya bone teng.

O supile fa Rre Kareng e le leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse mme a mo rotloetsa go dirisanya le bone sentle gore ba tsee ditshwetso tse di maleba.

O mo rotloeditse go dirisanya le mapolotiki a kgaolo ya gagwe ka a supile fa puso le ditlhabololo tsa lefatshe di tsamaisiwa ke sepolotiki, fela a mo kopa go ikgapha mo go tseeng letlhakore mo sepolotiking.

Kgosi Mhaladi o ne a rotloetsa Rre Kareng go tshwara tiro ya gagwe ka manontlhotlho, a kaya fa batho ba kgotlana eo ba tlaa tsena kwa ga gagwe bosigo le motshegare go kopa thuso, mme a mo gakolola go nna a ba thusa ka nako a sa ba diegele.

O mo kopile go ikgapha mo nnotaging ka a re e ka mo itaa tsebe mme a tlhoke go thusa morafe sentle.

O kopile mabutswapele a kgotlana eo go ithaopela go nna le kgosi mo kgotleng gore ba mo gakolole le go mo thusa dikgang tsa kgotla eo, a tlatsa ka go kopa Rre Kareng go tsaya dikgakololo mo bathong ba gagwe mme a fetsa ka go mo rotloetsa go tlhaloganya melelwane ya kgotlana ya gagwe go itsa go gotlhagotlhana le dikgosi tsa dikgotla tse dingwe.

E rile fa a amogela thomo, Rre Kareng yo e bileng a kile a nna mogokgo mo dikoleng tse dipotlana a lebogela marafe wa kgotlana eo go mo neela boikarabelo jo a neng a na le kgatlhego mo go jone.

O tlhalositse fa a itlamile go agela mafoko a ga Kgosi Mhaladi mosako mme a supa fa a tlaa dirisanya le morafe oo sentle.

E re le fa go ntse jalo, Rre Kareng o kaile fa a tshwenngwa ke tiriso botlhaswa ya majalwa a a apewang mo malwapeng mo kgotlaneng eo ka a re selo se se felela se kgoreletsa le bone bana ba dikole ka bangwe ga ba isiwe dikoleng fa ba bangwe ba sa tlhokomelwe sentle mme batsadi ba bone ba bonelwa mo nnotaging.

O supile fa a tlhaloganya matlhoki a kgaolo eo mme a tlaa tshwaragana le baeteledipele ba bangwe gore ba gatele pele mo ditlhabololong tsa kgotla eo, mme a kopa morafe go tswelela ba mo ema nokeng gore ba fenye le tsone dikgang tsa botlhoka tsebe tse di apesitseng kgaolo eo kobo ka letshoba.

Kgotlana ya Lephaleng, e tlaa imolola ya Lekgwapheng morwalo kw morafe wa kgotlana eo o ntseng o kopa dithuso teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego

Date : 07 Aug 2017