Sekole sa Mmanaana se ipelela ngwao
07 Aug 2017
Molaodi wa Moshupa, Mme Berman Mosime o akgoletse barutabana ba sekole se segolwane sa Mmanaana go lemoga fa ngwao e ka ba thusa go ruta bana le go ba pepetletsa ba ikegile ka se Motswana a itseng se ka kaela ngwana.
Molaodi Mosime o buile jaana mo boemong jwa ga Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa kwa modirong wa go ipelela le go rotloetsa ngwao bosheng.
Molaodi o tlhalositse fa se se tsamaelana le nngwe ya dithuto tse ba di rutwang go lebelelwa gore go diragalang ka go lebega o ka re ngwao ya Botswana e a nyelela, e bile e gomagomediwa ke mekgwa le dingwao tse dingwe, tse di tswang kwa ntle.
O ne a rotloetsa bana ba sekole seo gore ba bone tiro ya letsatsi leo e le ya botlhokwa ka e ka ba thusa go tlhalosa gore lefatshe la Botswana le agetswe mo merafeng e e farologanyeng le ngwao e e popota.
“Lefatshe le le fa le leng teng ka ntlha ya batsadi le boeteledipele jwa rona jwa setso, jo bo godiseditseng Batswana mo ngwaong ya lefatshe la rona.
Le fa re le merafe e mentsi e e farologanyeng, re tshwanetse go ipelafatsa ka ngwao ya rona le se re leng sone,” molaodi a tlhalosa.
O ne a bua a sa kgale mathe, a tlhalosa gore botho, kagiso, tlotlo, lerato, bonatla, neelano ya Motswana di ikaegile ka ngwao ya Setswana
O tlhalosa gore thuto e tshwanetse go ikaega ka ngwao, ka e bile bana ba sekole ba tshwanelwa ke go itse gore motho o tshwanetse go tshela jang le ba bangwe.
O galaleditse maiteko a seo go bo ba diragatsa gore maitlamo a go ruta bana ka ngwao a gole, a tlhalosa fa lephata la thuto e le pilara kana boremelelo jwa go ruta ngwana gore o gola ka tsela e e ntseng jang le ba bangwe.
Mme Mosime o boletse fa ngwao ya Setswana e le monate thata, kapari, dijo le puo tota di rokotsa mathe.
O boletse fa mo ngwaong go na le meila.
A re botsetsi bo a ilelwa e bile go kile ga bo go na le bogwera le bojale bo ruta maitseo le go bopa setho sa Motswana.
O boletse fa Batswana ba ikaegile thata ka temo-thuo, a ba a rotloetsa bana go inaakanya thata le dithuto tsa teng.
“Tautona wa ntlha o rile tshaba e e senang ngwao ke moka e latlhegileng,’’ a rialo.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Moatlhodi Katisi o supile fa dikole di tshwenngwa ke maitseo a bana ba dikole, jalo tsholofelo e le gore morago ga go ruta bana ka ngwao, go tlaa nna le phetogo ka maitseo le maitsholo a bone.
Rre Katisi o kgothaditse bana go rata le go itlotlomatsa ngwao ya bone le go ja dijo tsa segabone.
O boletse fa malatsi ano bana ba palelwa ke Setswana ba bona go le botoka go bua sekgoa.
Fa a amogela morafe mo letsatsing leo, mogokgo wa sekole seo, Rre Sabata Tlhaselo a tlhalosa fa ngwao e rotloetsa mowa wa tirisano mmogo fa gare ga barutabana le batsadi mmogo le batsaya karolo jaaka baithaopi.
A re gantsi barutabana o fitlhele ba sokola le bana ba le nosi batsadi e le balebeledi fela.
O boletse fa boradikgwebo bangwe mo Moshupa jaaka Dladleng entertainment ba ba thusa ka dimpho go abela bana ba ba dirileng sentle.
O lebogetse komiti ya barutabana le batsadi go bo e bereka mmogo ka botswapelo go aga bana ba sekole.
Sekole gape se ne sa abelwa para ya ditlhako di le 17, go tswa kwa baithaoping ba Amerika.
Mo letsatsing le gone go supilwe didirisiwa tsa ngwao, go na le mmino le maboko ka ditlhopha ka go farologana di akaretsa, Mafitlhakgosi le metshameko go supa ngwao.
Bana ba sekole, barutabana, batsadi, le barotloetsi bane ba itatswa menwana ka dijo tse di farologaneng tsa Setswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Ipelelo Ngwao
Date : 07 Aug 2017






