Breaking News

Tshwaragano e botlhokwa mo twantshong ya malwetse

07 Aug 2017

Mokhanselara wa Leralal/Maunatlala, Mme Malebogo Phuthego a re tshwaragano ya setshaba le puso e ka thusa mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa kgotlholo e tona.

Fa a bua mo potsolosong morago ga letsatsi le le neng le rulagantswe ke lekgotla la tsamaiso botsogo mo Palapye (DHMT) le maikaelelo a lone e neng e le go sekaseka loeto mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa kgotlholo e tona, a re tswaragano e, ga e bue ka tshwaragano ya puso e le nosi, e akaretsa Motswana mongwe le mongwe go tsenya letsogo ntweng kgatlhanong le kgotholo e tona go ya kwa ngwageng wa 2035.

Mme Phuthego yo gape e leng modulasetilo wa komiti ya thuto ka tsa botsogo mo khanseleng-potlana ya Palapye a re bolwetse jwa kgotlholo e tona bo setse bo tsere phekelo e sele, a supa fa go tshwerwe balwetse ba kgotlholo e tona ba le 6 000 ka 2016 mo Botswana ka bophara.

A re go nna le palo ya balwetse ba kgotlholo e tona ba le diketekete mo lefatsheng le le tswereng palo potlana ya batho ke kgwetlho e e batlang gore setshaba se tswaragane go fokotsa le go fedisa dipalo tseo.

A re mo palong ya 6 000, ba le 392 ba tlhokafetse ka ntata ya kgotlholo e tona, a supa fa go tlhokafala e le go bo bangwe balwetse ba feletsa ba sa tseye dipilisi sentle fa bangwe ba feletsa ba tlogela dipilisi tsa bolwetsi joo mo tseleng.

A re balwetse ba kgotlholo e tona ba tshwanetse go sala ditaelo tsa ba botsogo morago tse di supang fa kalafi ya bolwetse jwa kgotlholo e tona e tsaya dikgwedi tse thataro, a tlatsa ka go re go sala ditaelo tsa ba botsogo morago go ka fodisa yo o iphitlhelang a tshwerwe ka bolwetsi jwa kgotholo e tona.

Mme Phuthego a re ka 2006 mo Palapye go tshwrere batlwetse ba le 108 ka kgotlholo e tona mme ba le barataro ba latlhegelwa ke matshelo, selo se a supileng fa e le dipalo tse di kwa godimo thata.

O kaile fa bolwetsi jwa kgotlholo e tona le mogare wa HIV e le di ya thoteng, ka jalo a rotloetsa setshaba go itlhatlhobela malwetse ao go kgona gore a laolesege go sale nako.

Fa a ema setshaba ka lefoko, Rre Kelatlhegile Gontse yo e kileng ya nna molwetse wa kgotlholo e tona ka 2013 o ne a rotloetsa setshaba go sala ditaelo tsa ba botsogo morago.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Samuel Maforaga wa kgotla ya Serorome mo Palapye o ne a iteela kobo moroko ka go rotloetsa banni ba motse oo go itlhatlhobela malwetsi mme e bile a kopa borre go dira learo le le babalesegileng la borre.

A re go tlhoka go dira learo le le babalesegilegileng la borre go tsenya motho wa rre mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo.

Letsatsi le le ne le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Tshwaragano go Fedisa Bolwetse jwa Kgotlholo e Tona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 07 Aug 2017