Breaking News

Ngwao e botlhokwa go agago bopaganya tshaba

06 Aug 2017

Kgosi wa motse wa Manyana Kgosi Kebinatshwene Mosieleleo o gwethile merafe go sala morago ditsamaiso tse di molemo go ka thusa go tsosolosa dingwao tse di farologanyeng tsa merafe ya lefatshe leno.

Erile a bua kwa tirong ya letsatsi la ngwao kwa motseng wa Mogoditshane kgwedi ya Phatwe e tlhola ga tlhano, kgosi Mosilelele a kopa merafe go fokotsa go sala morago thata diphetogo tsa sesha go fokotsa go latlhega ga dingwao.

A re merafe mo dinakong tsa segompieno e kgatlhiwa bobe ke go amanngwa le dingwao tsa merafe e sele, go ikgatholosa dikgang tsa botlhokwa tse di ka thusang go tsosolosa le go boloka dingwao tsa se gabone.

Kgosi Mosielele o tsweletse a gwetlha morafe wa Bakwena go lemoga botlhokwa jwa go tsosolosa ngwao, ka go itebaganya le dintlha di tshwana le ya go nyala lefufa, a re go ka thusa go godisa boikarabelo le gone go thusa go nonotshe seemo sa itsholelo sa bomme ba go le gantsi ba lebanwang ke tlhokomelo ya bana ba ba phuagantsweng ke borre.

A re seo se ka thusa le gone go tlama bo rre go diragatsa maikarabelo a bone ka mo go tshwanetseng go na le dikgang tsa seshwa tse borre ba emelang go tlamiwa ke molao go tlhokomela bana ba bone.

Kgosi wa Bahurutshe o akgoletse tautona wa lefatshe leno Lt Gen Dr. Seretse Khama Ian Khama mananeo a go tsosolosa ngwao e eneng e phirimeletswe, gore go thusitse thata Batswana go itharabologelwa ka go thusa go tsosolosa dingwao tsa bone le go abalana megopolo ya ka fa seo se ka tokafadiwang ka teng.

“Go a itumedisa go bona morafe wa Mogoditshane o arametseng toropo kgolo Gaborone, ebile ele wa makgathanna thapong o santse o agela mosako lefoko la kgosi go bua ka dikgang tse di rotloetsang go bolokwa ga ngwao”, ga tlhalosa kgosi Mosielele

O tsweletse a lebogela thulaganyo ya meletlo ya ngwao ka go supa fa ele botlhokwa thata mo go bopaganya le go ruta a tlhalosa fa go ka thusa go tlhabolola le go godisa ngwao.

Molomaganyi wa tiro eo, Kgosi Michael Khayambia o lebogtse go nna teng ga thulaganyo eo, e eneng ena le dikgwetlho tsa go nna maoto a tshupa ga bontsi jwa morafe.

A re tshwaragano e botlhokwa fela thata go tswa ka maano a ka thusang go fitlhelela ditoro tsa morafe ka jaana kemo nokeng ya maphata a puso e setse e le boutsana.

Kgosi Khayambia o rotloeditse le go lebogela kemo nokeng ya ba ba nnileng le seabe jaaka morafe le dikhamphane tsa motse oo ka gonna le letsogwana le le kwa godimo mo go tlhomamiseng gore maikaelelo a go tshegetsa letsatsi la ngwao kwa motseng wa Mogoditshane a tswelela a atlega.

Kgosi Alfred Dihutso mo mafokong a kamogelo o rotloediste morafe go se kgobege marapo ka ntlha ya gore tiro e jaanong eleng mo ngwageng wa boraro e tsweletse ka tatelano etlhoka go dirwa ka madi go na le pele jaaka ene e rotloediwa ka thobo.

Tiro eo ene ya simololwa ka thulaganyo ya dikgafela go tswa mo dikgotleng di le lesome le bobedi (12) tsa motse wa Mogoditshane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOGODITSHANE

Event : Ipelelo Ngwao

Date : 06 Aug 2017