Breaking News

Kgosi o lela ka lenyora

06 Aug 2017

Kgosi Letsebe Mpete wa Dikwididi mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba o kopile koporase ya metsi ya Water Utilities go fefogela go ba thusa ka metsi ka jaana motse wa gagwe o le mo lenyoreng le le ngomolang pelo.

Kgosi Mpete o buile se mo potsolosong le BOPA mme a re ba na le sebaka go sena metsi mo motseng wa bone.

A re e re le ntswa koporase ya metsi e kile ya tla ya buisa phuthego ya kgotla go tlhalosa ka bothata joo le gore seemo ke eng, metsi a ba a neelwang ga a lekana go thusa morafe.

Kgosi Mpete a re bana kwa sekolong ga ba kgone go apeelwa ka lebaka la gore gona le thaelo ya metsi mo motseng.

A re o kopa koporase eo go tokafatsa seemo sa metsi mo motseng wa bone a tlatsa ka gore se se ngomolang pelo le go feta ke gore pego ya koporase ya metsi e supile fa didiba tse di neng di ba nosa, metsi a tsone a le kwa tlase thata e bile gape a setse a kgotlelesegile.

Kgosi a re o setse a kile a ya kwa ofising ya ga Mothusa Tautona Rre Mokgweetsi Masisi go ya go ikuela kwa go ene gore ba thusiwa ka bonako le seemo sa bone se tokafadiwe.

A re morafe wa gagwe o tshela ka go ga metsi a mogobe ka a ba a neelwang a tlhaelela kgakala a tlatsa ka gore ba a bedisa pele ga ba ka a dirisa.

Kgosi Mpete a re seemo se ile masweng morago ga dipula tse di mashetla tsa ga Dineo mme le ditsela tsa bone ga di jese diwelang ka di sa tlhokomelwe sentle.

Mogolwane wa koporase ya metsi mo Mochudi, Mme Yvonne Mothupi o tlhalositse fa ba itse sentle ka seemo sa metsi mme ba sa nna fela ka ba tsweletse ka go rarabolola bothata joo.

A re seemo sa letlhoko la metsi se ne sa bifa morago ga gore tanka ya metsi kwa Mabalane e neng e ntse e nosa metse ya dinoka e leng Mabalane, Ramonaka, Sikwane, Malolwane, Dikwididi le Mmathubudukwane e supe fa e na le mathata.

Mme Mothupi a re morago ga moo e ne ya emisiwa go dirisiwa gore go dirwe ditshekatsheko ka yone go bona bothata mme ba santse ba emetse go utlwa pego ka moitseanape yo ba mo romileng.

O ne a tlatsa ka gore pego e tla tla e supa gore a ba baakanye tanka eo kana jang.

Mogolwane wa metsi o ne a supa gape gore metse e mengwe e thusitswe ke didiba tse di e nosang mme seemo sa bone se botoka fa motse wa Dikwididi o ne o sena sediba sepe.

Mme Mothupi o ne a supa fa batla tswelela ba thusa motse wa Dikwididi ka go ba gela metsi go fitlhela ba bona tlharabolola ya bothata.

O ne a tlatsa ka gore o a itse gore metsi ao ga a lekane mme batla leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : DIKWIDIDI

Event : Potsolotso

Date : 06 Aug 2017