Komiti e lebogetswe bokgabane
06 Aug 2017
Mookamedi wa kompone ya Mashambe Group, Rre Madongo Direng o galaleditse komiti ee neng e rulaganyetsa ditshupo tsa kgaolo potlana ya Bobirwa tse di neng di tshwerwe kwa Bobonong ka matlhatso.
Rre Madongo yoo neng ele sebui sa tlotla kwa ditshupong tse, o tlhalositse fa komiti e, e dirile ka natla gore ditshupo tseo di atlege.
O rotloeditse barua kgomo ba kgaolo ya Bobirwa go se ipone tsapa mo maitlamong a bone a borua kgomo lefa ba kopana le dikgwetlho.
A re kgaolo ya Zone 7 e Bobirwa e welang kafa tlase ga yone, e paletswe kego fenya diteko tsa go tlhomamisiwa fa e sena bolwetse ja tlhako le molomo e bile dikgomo tsa yone dika letlelelwa go rekisiwa kwa mmarakeng wa Europa.
Rre Direng o kgotlhaditse barua kgomo ba kgaolo ya Bobirwa go tshwaragana go bona gore ba diragatsa tse di tlhokwang mogo bone gore kgaolo ya bone e rurifadiwe fa e sena tlhoko le molomo le bone batle ba akole go rekisa dikgomo tsa bone kwa mmarakeng wa Europa.
O ba gakolotse go tlhwaafalela temo thuo ka e supile fa e nale bokgoni jwa go ka tsosolosa le go kabakanya itsholelo ya lefatshe.
Rre Direng a re kgaolo ya Bobirwa ee welang kafa tlase ga SPEDU eka dirisa temo thuo go tsosolosa itsholelo ya kgaolo eno ee wetseng tlase morago ga go tswalwa ga BCL.
Moemedi wa SPEDU Rre Mosalagae Seosupeng o tlhalositse fa tirokgolo ya SPEDU ele go kabakanya le go tsosolosa itsholelo ya mafelo aa welang kafa tlase ga kgaolo ya SPEDU.
A re SPEDU e na le komiti ee bopilweng ka maloko aa tswang mo mafelong a kgaolo ya SPEDU e bile ba tlhaloganya mathata aa mo metseng ya bone gore batle ba kgone go ntsha bogakolodi ka fa itsholelo ya mafelo a bone eka tokafadiwang ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Ditshupo
Date : 06 Aug 2017






