Balemi ba lebogela thobo
06 Aug 2017
Balemi ba kgaolo ya Malotwane ba ne ba dirile moletlo wa ngwao wa go lebogela thobo e ba e boneng mo ngwageng ono wa temo.
E re ka Setswana se re bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya ntsi, balemi bao, ba ne ba bona go tshwanela go lebogela se ba se boneng mo thobong ya ngwaga ono le banni ba motse wa bone.
Fa a bula letsatsi leo semmuso, Mopalamente wa Kgatleng Bophirima Rre Gilbert Mangole o boletse fa moletlo o, o rotloetsa botlhe go ipela ka ngwao ya bone ka go ja dijo tsa Setswana le go itse bo mosola jwa tsone mo mebeleng le mo matshelong a bone.
A re go ja dijo tsa Setswana go kailwe go le botlhokwa fela thata e bile ba bongaka ba rotloetsa.
Rre Mangole o lebogetse go bo go santse go na le batho ba ba lemogang mosola wa ngwao ka dingwaga le dipaka di fetogile le ngwao e nyelela mo bangweng.
O boletse fa go le botlhokwa go leboga Modimo ka e le ene a itseng masaitseweng a lefatshe, a tlatsa ka gore balemi ba seka ba leboga Modimo fela fa ba bone thobo e ntsi mme ba mo leboge le fa ba sa bona sepe ka ke ene a nayang.
Fa a tswelela, Rre Mangole o boletse fa e le nako ya gore lefatshe le itirele dijo mme go le botlhokwa go dira meletlo ya go tshwana le e, go kgothatsa balemi go tswelela mo temong ya bone ba sa fele pelo.
O lebogetse seabe sa puso mo temo thuong ka a re ba dira ka natla go thusa balemi le go tlhabolola temo ka mananeo a temo ya maranyane mme gape ba reka le tsone dijo tse di lemilweng ke Batswana go ba namola mo lehumeng.
Moemedi wa Komiti ya Balemi Rre Matlakala Rakwela a re moono wa letsatsi leo ke go tsosolosa ngwao mabapi le tse di tsamaelanang le temo.
O boletse fa ba lemogile botlhokwa jwa temo mo matshelong a Batswana mme ba bona go tshwanela go tswelela le temo, a tlatsa ka gore ba bongaka ba tlhalosa fa menontshane e le mentsi mo dijong tsa Setswana.
Mogolwane wa tiriso ya lefatshe la temo Rre Gopolang Segolame o tlhalositse fa Batswana ba tshwanetse go tsaya temo ka tlhwafalo gore ba kgone ba itshetse le ba malwapa a bone le gone go tshetsa lefatshe ka bophara ka go dira dikgwebo.
Rre Segolame o boletse fa mananeo a puso a le mantsi thata mo temong a akaretsa go lema ka terekere, go phaka dipeo le a mangwe fela jalo mme a rotloetsa Batswana go a dirisa ka a ka ba tswela mosola thata.
Moeteledipele wa kompone ya Ramogomana Farming Rre Peter Badenhorst o kopile balemi go itse thata ka masimo le ka dijwalo tsa bone gore ba tle ba kgone go bona thobo e ntsi le go kganela diji mo ditshimong tsa bone.
O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e ruta balemi ka botlhokwa jwa tsa temo e sa ba duedise ka jalo ba lebogela taletso ya molemisi le balemi ba bangwe gore batle go amogana le bone dithuto le botsipa jwa temo.
Rre Badenhorst o tlhalositse fa thuto e le ntsi e e ka fiwang balemi go simolola fela ka mmu o ba lemang mo go one, diji, mhero le temo e tlhwatlhwa fa ba ka nna le nako ya go rutana e le balemi le bareki. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsane
Location : MALOTWANA
Event : Moletlo wa Ngwao Go Ipelela Thobo
Date : 06 Aug 2017






