Dipaakanyo tsa moletlo di tsweletse sentle
06 Aug 2017
Mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse mme Kolobetso Sejakgomo a re dipaakanyo tsa go ipeelela dingwaga tse di lekgolo le masome a mabedi tsa toropo ya Lobatse di simolotse.
Mme Sejakgomo o buile se bosheng wa beke ee fetile mo Lobatse jaaka gone go tshwerwe bokopano go ipakanyetsa moletlo o.
O boletse gore komiti kgolo ya moletlo o, e e akaretsang mmatoropo, molaodi, mokwaledi wa makgotla a Setswana, ofisi ya mopalamente, kgosi le ba dikgwebo e na le dikomiti potlana tse di filweng boikarabelo jwa go baakanyetsa maphata a farologaneng a moletlo, jaaka moletlo oo o tla tshwarwa ngwaga ono,kgwedi ya Ngwanatsele mo bekeng ya ntlha.
Mme Sejakgomo a re dikomiti potlana tseo di dirilwe ka go akaretsa banni ba Lobatse, dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ka di kgaolwana, badirela puso, ba dikgwebo, bana-le-bogole le makhanselara
O tsweletse a re le fa dipaakanyo di tsweletse setshaba se tla itsisewe ka lefelo le go tla tshwarelwang moletlo teng.
Mothusa Molaodi o ne a tlatsa ka gore go tla nna le ditiragalo tse di tsibosang ka moletlo malatsi pela ga letsatsi legolo.
Mo go tse dingwe mme Sejakgomo , o tlhalositse gore banni botlhe ba Lobatse ba tshwanetse go tsena ditiro tse tsa matlhagolatsela a moletlo o motona ka makatla-namane.
O tlhalositse fa se e le maiteko a go fitlhelela se ba se ikaeletseng sa go nna le letsatsi lele atlegileng.
O tsweletse a tlhalosa gore mmatoropo, molaodi le mokwaledi wa khansele ba tla latela bagodi ba ba palelwang mo malwapeng go ba itsese ka moletlo.
A re mo ditirong tsa go tsibosa ka moletlo mogolo o, go tla etelwa mafelo a ditso tse di tlhalosang tlholego ya toropo ya Lobatse.
Mme Sejakgomo o gwetlhile botlhe ba ba eletsang go tsaya karolo mo dipaakanyong tse go ikgolaganya le komiti ee rulaganyetsang letsatsi leo.
Toropo yone ya Lobatse e nnile teng gotsweng ka dingwaga tsa bo 1897 e le makgatlhanna thapong a bagwebi go tsweng Aferika Borwa le Rhodesia o nako eno a bitswanag Zimbabwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Bokopano
Date : 06 Aug 2017




