Bo mme ba mokwena ba ntlafatsa motse
06 Aug 2017
Bomme ba Bakwena ba ne ba ba tshologetse kwa kgotleng kgolo go araba pitso ya mohumagadi Mme Peggy Kgari III yo o neng a ba biditse go tla go rerisana le bone ka mogopolo wa go tlhabolola motse wa Molepolole.
Fa a rola mogopolo oo, Mohumagadi Mma Kgari wa boraro o tlhalositse fa go tsweng bogologolo motse wa Molepolole o itsege ka leina la Phua Lerole ka go tshabelelwa ke diphefo tse di dirang lerole mme a re ba tshwanetse go tlhabolola motse ka go lema ditlhare.
O tlhalositse gore ditlhare di botlhokwa ka jaana e le dithibedi tsa phefo, di thusa go fokotsa modumo o montsi mo motseng le gone go fokotsa kgothego ya mmu mo go tse dingwe.
Mohumagadi Mma Kgari wa boraro o ne a lemotsha bomme gore go tlhabolola motse e ka nna ka go lema maungo kana go lema ditlhare tsa tlholego ka a re tsone ebile ga di tlhoke go nosetswa ka metsi a mantsi.
A re morago ga go tswa ka mogopolo o, o ne a ikopanya le kompone e e itebagantseng le tshomarelo ya dikgwa le dibapalwa nageng ya Forest Conservation Botswana (FCB) go utlwa gore ba ka ba tswa thuso e e ntseng jang.
Mo bokopanong joo, komponei eo e ile ya tlhalosa fa go na le malatsi a e nnang e a seegela fa thoko go direla setshaba ka one, e leng community service day, ka jalo a re ba kgethile letsatsi la kgwedi eno e le malatsi a le masome a mabedi le botlhano go tla go direla setshaba sa Molepolole ka go ba lemela ditlhare.
Mohumagadi o ne gape a gwetlha bomme go tswa ka megopolo ya gore ba eletsa gore ditlhare tse di lemiwe fa kae, le gone gore di a go tlhokomelwa jang, a gwetlha bo mme go tlhokomela ditlhare tseo.
Mo kakgelong ya gagwe mongwe wa bomme, Mme Tlhongadi Ntsima o tlhalositse fa mogopolo o, o le montle, a tswelela a re thuto ka botlhokwa jwa ditlhare e tshwanetse ya simolola kwa moding ka jalo a re go botlhokwa go lema ditlhare bogolo jang tsa maungo kwa dikolong.
A re le fa go ntse jalo ka letsatsi la go direla setshaba go ka simololwa ka kgotla kgolo ya Bakwena.
Mongwe wa bomme, Mme Masa Tshasa are ntle le letlhoko la metsi, mogopolo wa go lema ditlhare o montle e bile a re go simololwe ka kgotla ya Bakwena ka a re ke sone sefatlhego sa motse.
Moemedi go tswa ko ofising ya Forest Conservation Botswana Mme Lorato Mongatane o tlhalositse gore ka letsatsi leo, ba tla ruta batho ba Mokwena ka tlhokomelo ya ditlhare le gone go di lema mo lefelong le le kgethilweng.
A re batla simolola pele ka go lema ditlhare tsa tlholego ka di sa tlhoke metsi a mantsi go gola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Montshwari
Location : MOLEPOLOLE
Event : Pitso
Date : 06 Aug 2017






