Breaking News

Baruti ba na le seabe go tlhabolola toropo-Mmatoropo

02 Aug 2017

E re ka lefatshe leno le na le dikgwetlho tse dintsi, baruti ba kopiwa go nna le seabe mo go godiseng itsholelo le go fetola toropo ya Lobatse mo ditlhabololong. 

Fa a ntsha dintlhakgolo kwa pitsong ya ntlha ya khansele le baruti ba dikereke tse di farologaneng tsa Lobatse go tla go buisana le go utlwa matswenyego a baruti ka Mosupologo, Mmatoropo wa Lobatse Mme Malebogo Kruger o buile fa e le maikaelelo a khansele ya Lobatse go tshwaragana le baruti go rapelela toropo eo.

A supa fa baruti e le bone ba nnang ba eteletse pele mo ditirong tsa puso le go nna baeteledi pele ba sechaba mo dikerekeng.

Bokopano bo ne bo inaakantse le setlhogo sa “seabe sa kereke mo go tlhabololeng toropo ya Lobatse”

O ne a akgola baruti go tswelela ka go aga banni ba toropo ya Lobatse mo go fetoleng boitshwaro le go tlhabolola batho mo mekgweng e e sa siamang, jaaka dintwa, tlhalo ya banyalani, go tlhoka go utlwana le tse dingwe.

A re fa baruti baka nna ba tshwelela ka go fetola boitshwaro jo bo sa siamang mo bathong, lefatshe leno le ka nna le tshaba e e nonofileng e e ka tlhabololang toropo ya Lobatse.

Mma Kruger o tsweletse a bua fa ba itse matshwenyego a dikereke a go tlhoka lefatshe le ba ka agang dikereke mo go tsone mo Lobatse.

A re toropo ya Lobatse ke toropo nngwe ya ntlha ya lefatse leno go nna le ditlhabololo, jalo go ka itumedisa go bona tshwaragano ya sechaba, baeteledipele ba mekgatlo le ba bangwe go kopanya mewa ya bone ya go godisa toropo.

Molaodi Mme Koketso Sejakgomo o kopile dikereke go nna le seabe mo go tseyeng batho ka tekatekanyo go itse le go tlhaloganya banalebogole ka fa ba tshelang ka teng le ka fa ba tshwanetseng go tshwarwa ka teng.

A re dikgwetlho di tshwana le go tlhoka ditiro ga banana, malwetsi a a tshelwanang, tlhalo ya manyalo baruti ba tshwanetse go nna le karolo go bona gore letlhoko le matshwenyego di a fokotsega.

O kopile baeeteledi pele ba dikereke go nna le tshwaragano le go tla ka mananeo a a ka tlhabololang toropo ya Lobatse gore e nne toropo e e tshwelwang pelo.

Dikgakgelo le dipotso tse di neng di botswa ke baruti di ne di remeletse go tlhokeng mafelo a ba ka agang dikereke mo go one.

Ba bangwe ba ne ba leboga Mmatoropo go bitsa pitso ya baruti go tla go neelana ka fa toropo ya Lobatse e ka tlhabologang ka teng le go e rapelela.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : LOBATSE

Event : Pitso ya khansele ya Lobatse

Date : 02 Aug 2017