Bakwena ba tshegeditse ngwao
02 Aug 2017
Mo ditsamaisong tsa batsoga pele, gone gole thona go tsaya tsela e ba bangwe ba neng ba sae tsamae mme e bile Kgosi ene ele molaodi le mokaedi wa morafe wa gagwe. Setswana se se reng “Lefoko la kgosi le agelwa mosako” sene se sa mpampediwe.
Boitsholo jo, bo ne bo tsisa thokgamo, tirisanyo mmogo le lerato mo bathong ba maloba. Sekai sa botshelo jo go lebegang bone bo relela jo, se bonwa mo kgaolong ya Mokwena kwa Molepolole, Kopong, Gabane le Thamaga.
E tla a re o re o gorogile kwa Kgosing kwa Molepolole o bone ka go kgathantshiwa ke dikago tse ditelele dile modikologa, difalana. Difalana tse go bolelwa fa di agilwe ke morafe wa Bakwena ka thuso ya puso ya ga Mmamosadinyana mo dinakong tsa maloba.
E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Keineetse Sebele a supa fa difalana tse ene ele disigo tse morafe wa Bakwena o neng o ipeela dijo di tshwana mmidi, mabele le dinawa mo go tsone.
A re dijo tse dine di isiwa ke morafe kwa kgosing morago ga thobo ele dikgafela, a tlatsa ka gore gone gape gona le masotla a a neng a lemiwa ke morafe o bo o a tlhokomela mme thobo ya one yotlhe e isiwe kwa Kgosing.
A re se sene se dira gore morafe o tshwaragane.
O supile fa dijo tse dine disa isiwe kwa kgosing gore a di akole a le esi, mme a re dine di dirisiwa go tshetsa baeng ba ka nako eo ba neng ba gorogela kwa kgosing ka gore gone go sena matlo a boroko jaaka diotele jaaka go ntse mo nakong ya gompieno.
A re balwetsi botlhe go tswa mo dikgaolong tsa Botswana ka nako eo ba ba neng ba tsile bongakeng kwa sepateleng se gompieno e leng Scottish Livingstone bane ba gorogela kwa kgosing.
Kgosi Sebele a re dijo tse dine gape di tshetsa balwetsi, bagodi, batlhoki le bana-le-bogole ba ba neng bale teng mo morafeng ka bane basa kgone go itirele.
A re gone gona le thulaganyo ya go fa morafe dijo mme ene e dirwa ke kgosi le lekoko la gagwe, a kaya fa lekoko le lene le dirisa mepato go tsenya dijo le go di ntsha mo difalaneng.
A re dijo tse dine di tswakanngwa le molora wa morukuru, motswere le motshetelo ele tsela ya go itsa diji di tshwana le tshupa.
O boletse fa difalana tse di agilwe morago ga dingwaa tsa bo 1870 jaaka fa metse ene e tlhomiwa.
A re mo go tsone dingwaga tseo ene ele nako e dintwa tsa maburu le merafe e mengwe di neng di bepa.
Kgosi Sebele a re mo nakong ya gompieno, difalana tse di kafa tlase ga tlhokomelo ya ba lefelo la tshomarelo matlotlo a ditso ba Kgosi Sechele I Museum mme gago sa beiwa dijo mo go tsone. A re mo nakong e e fetileng di kile tsa dirisiwa ele diofisi tsa ba khansele ya Kweneng.
Mongwe wa mabutswapele a Mokwena Rre Lekgoa Pheto o ne a rurufatsa mafoko a aga Kgosi Sebele mme a tlatsa ka gore ene ere ka dinako tsa gole tlala, morafe o nne o fiwe tsone dijo tse di neng di bolokilwe tseo.
A re gape ene ere fa kgosi a bulela letsema morafe o fiwe peo gone mo dijong tse.
E rile fa a tswa la gagwe mogolwane wa lefelo la matlotlo a ditso la Kgosi Sechele I, Rre Kawina Kawina a supa fa difalana tse di thusitse morafe wa Bakwena mo dinakong tse go neng gole thata gole leuba.
Rre Kawina o supile fa maikaelelo a bone ele go busetsa difalana tseo mo tirisong ka go di dira diosisi tse go tla a rekisiwang dilo tsa botaki le ngwao mo go tsone.
A re se, seka berekela segolo bogolo banana ba ba mo dikgwebong tsa botaki le ngwao, a re difalana tseo di mo tseleng e bajanala ba e dirisang goya kwa lefelong la diphologolo la Khutse le mafatshe a mangwe a tshwana Namibia le Zambia.
A re mo godimo ga moo, difalana tseo di ngoka bajanala ka mekgabisa e e supang ditso tsa morafe wa Bakwena. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 02 Aug 2017






