Breaking News

O itshetsa ka mabotlele le dithini

02 Aug 2017

Motsogapele o boletse are motho o tla tshela ka mohuhutso wa phata ya gagwe, . Se ke sone se Mme Kebonye Phare a se dirang.

Mme Phare are o simolotse go bereka Ipelegeng ka 2013 le fa mo bogompienong a tlogetse.

‘Ipelegeng e a thusa. Ga o kake wa lala ka tlala, le bana ga ba kake ba tlhoka dilo tsa sekolo. Ipelegeng ga e tshwane le fa o ntse fela molapeng.’

Mme yo wa dingwaga tse di masome a mane le boraro, a re o kgatlhegetse go sela dithini ka 2014 a sena go bona ba bangwe ba dira jalo, mme a simolola a bo a felela a utlwile madi a tsone.

“Ga o sena go utlwa madi a dithini ga o eme, o sela le fa o ile toropong. Ga gona sepe se ke se boifang ka gore ke botshelo ja me. Ke tshetsa bongwanake,” o tlhalositse jalo.

Mme yo wa ko Kanye o tlhalositse fa a rekisa dithini ko Collect-a-Can fa mabotlele a a rekisa ko Trans.

Mme Phare are mo nakong ya dipula o apara mokwasha a bo a ya go sela dithini. 

Are mabotlele o emela gore a nne makgolo a matlhano pele a a rekisa fa dithini a emela gore di tlatse kgetsi tse thataro.

‘Le fa ke apere ke le montle ke a ema e bo ke sela.’

Are bo molemo ja go itshetsa ka dithini ke gore ga gona ope yo o ka di utswang fa o di kgobokantse ka ba bona e le matlakala gape o phepafatsa tikologo.Are mabotele one o robala le one mo ntlong ka a tshaba gore a ka utswiwa.

“Go re ke rekise mabotele, ke reka grate ka lesome la dipula, go tswa fa ke duelwa masome a mabedi le bobedi a dipula grate e le nngwe. Grate e tsenya mabotele a le lesome le bobedi.’

O boletse gore fa a ya go rekisa dithini le mabotele o tlhoka go hira koloi. Are ka tsela e e ntseng jalo o rotloetsa dikgwebo tse dingwe tse dipotlana.

Mme Phare are ene o feletse ka lekwalo la bosupa ko sekolong mme seo ga a batle se mo dira motlhoki ke sone a butseng tafole ka one mabotlele.

Tafole ya Mme Phare e rekisa dilo tse di farologanyeng di akaretsa maungo, merogo le dimonamone. O boletse fa mo dinakong tsa dipula a baa tafole mo verandareng jalo kgwebo e tswelele.

O boletse fa a kgona go reka dijo le dilo tse a di rekisang fa a sena go rekisa mabotlele.

Are batho ba bantsi ga ba dumele fa a ba bolelela gore o itiretse eng ka go sela dithini le mabotlele.

“Ke kgonne go ithekela dipodi le kgomo ka madi a go sela mabotlele le dithini mme leruo ke le neetse batsadi gore ba le ntlhokomelele ka ke tlile majako mo toropong.”

Mme Phare a re o eletsa gore fa dingwaga di ntse di tsweletse a bule semausu se se duleng diatla.

“Ga nke ke nna ka matsogo, gongwe le gongwe ke a tsena, ke tlhatswetsa batho mme fa gongwe ke thusa bangwe go tlhagola mo malwapeng.”

O gakolotse fa mongwe le mongwe yo o nang le diatla a tshwanetse go itshetsa ka tsone. 

Are batho ba tlogele go iteba dinala le gore batho ba tlaa reng ka jaana ditlhong di humanegisa. 

Are fa o nale matsogo le tlhaloganyo o rutegile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sylviah Disele

Location : METSIMOTLHABE

Event : Potsolotso

Date : 02 Aug 2017