Monna o jelwe ke molelo
02 Aug 2017
Monna wa dingwaga tse 62 wa masimo a Mogatsapoo o latlhagetswe ke botshelo ka Mosupologo morago ga go fiswa ke molelo mo ntlong e a neng a robetse mo go yone.
Mo potsolotsong le BOPA Mothusa mookamela mapodise a Serowe Rre Bopelo Ntatiwa a re moswi, yo o tllholegang kwa motseng wa Motshegaletau, o ne a goditse molelo mo ntlong e a neng a robetse mo go yone.
A re ka ntlo eo e ne e agilwe ka dipolaseteke, go lebega di ne tsa kapa molelo o o neng wa jwelelela kwa borulelong.
Rre Ntatiwa a re bana ba moswi ba ba neng ba robetse mo ntlong e nngwe ba ne ba bona molelo mme ba kua rre yoo gore a iphalotse.
“O ne a tswa mo teng ga ntlo ntswa molelo o ne o setse o mo amile. Ba mo tshela metsi go tima molelo. Mathata o ne a gana go ya kokelong,”
Rre Ntatiwa a re rre yoo, o ne a ya go robala kwa ntlong e nngwe mme ya re ka Mosupologo bana ba fitlhela a tlhokafetse, go supafala fa molelo o mo amile.
A re ba ne ba begela mapodise morago a isiwa kwa sepatela kwa go neng ga rurifadiwa fa a tlhokafetse.
Rre Ntatiwa o ne a re batho ba ikele tlhoko, mme e bile ba seka ba gotsa melelo mo ba robalang mo teng ka se, se le borai.
O ne a gakolola batho go begela mapodise fa go na le ditirafalo tsa mohuta o, a re go botlhokwa fa mapodise a ne a begetswe ba ka bo ba bone gore moswi o ya sepatela, selo se gongwe se ka bong se mo thusitse go tshela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 02 Aug 2017






