Ba Talaojane ba tlhopha Matho
02 Aug 2017
Kgosi Gomolemo Omphile, go tswa kwa Kgotleng kgolo ya ga Mmmangwato, o lebogetse baagi ba kgotla ya Talaojane neelano mo tlhophong ya kgosi ya bone.
Kgosi, o supile fa a tlaa tsaya leina la ga Rre Oitsile Matho, yo go dumalanweng go ka nna setilo sa bogosi jwa kgotla ya Talaojane.
Kgosi Omphile o buile se kwa phuthegong ya banni ba Taolajane, e thulaganyo ya yone e neng e le go ntsha leina la yo o tlaa tsayang bogosi.
Thulaganyo ya peo ya Kgosi wa Talaojane, e nna jaana morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Matho Talaojane ngogola, yo e leng rraagwe Rre Oitsile Matho.
Kgosi Omphile o ne a supa magosi go tswa kwa dikgotleng tse ditona tse nne tsa Serowe, e leng Basimane, Maaloso, Maaloso-a-Ngwana le Ditimamodimo go bo bo tsile go tla go netefatsa letsatsi, le go nonotsha tlhomamiso ya gore Rre Matho o newa morafe.
“Ke romilwe go tswa kgotla kgolo ya ga Mmangwato, e e tsamaisang bogosi jwa ga Mmanagwato go tla go tsaa leina la kgosi yo a tlaa bewang.
Fa mong wa bogosi a santse a le mo thomong ya puso kgotsa nngwe fela, ke ene a ka romang bo rangwanaagwe gore ba mo tshwarelele,” a supa.
Fa a ntsha leina la yo a tlaa nnang setilo sa bogosi jwa Talaojane, rrangwanaagwe kgosi, Rre Moji Moaro, o supile fa e rile morago ga sehuralo sa sa Kgosi Talaojane, botsadi jwa kopana, ba itshekatsheka gore ba bone yo o ka tsayang setilo.
O ne a supa fa go sena sekgoreletsi sepe sa gore Rre Matho a tseye setilo ka e le tshwanelo ya gagwe.
Fa a rurifatsa tshwetso eo, rrangwanaagwe Kgosi yo mongwe, Rre Slumber Sebele, o supile fa tshwetso eo, e ne e sena marara ape ka ntlha ya go bo ba itlhalogannya.
O tlhalositse fa Rre Matho e le motho yo o bonolo e bile, a na le bokgoni jwa go isa kgotla kwa pele.
“Re dumalane ka bongwefela jwa pelo, ka e bile e le tshwanelo ya gore o ka bo tsaya, ga go ise go nne le ngongorego epe,” a supa.
Rre Matho o ile a amogela thomo mme a tlhalosa fa a santse a tshwaregile kwa tiro ya sepodisi, jalo a supa fa a tlaa nama a tshwareletswe ke rrangwanaagwe, e leng Rre Oliver Sebele yo a neng a dumelana le mafoko a ga Rre Matho.
“Ke amogela thomo e, ka temogo ya gore ke thomo e e seng sepe gape ka e tlaare ka sebaka sengwe, mong wa setilo a se batla ke mo se neele,” a supa.
Kgotla ya Talaojane, e wela ka fa tlase ga Kgotla e tona, ya Maaloso, e e nang le dikgotlana dile masome a matlhano le bobedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Aug 2017






