Molaodi le kgosi ba tshedisa baledi
01 Aug 2017
Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Temba Mmusi o isitse matshediso kwa batsading ba ga Kaelo Mosaunayane wa Thamaga yo o tlhokafetseng morago ga go hulwa ke mapodisi ba le mo tirong kwa motseng oo mo bosigong jwa Phukwi a le 22.
Loeto lwa ga molaodi lwa matshediso le ne la ronkgela batsadi ba moswi, ba ba neng ba sa obege mme ba kgala sepodisi go bo ba sena morero ka seru se se ba wetseng le mororo ba amega.
Botsadi bo ne bo supa mapodisi ka monwana gore ba ba kgathologile e bile ba sa supe kemo nokeng ka gope mo go bolaweng ga ngwana wa bone wa dingwaga di masome mabedi le boraro.
Le fa maikutlo a batsadi a ne a ile magoletsa, molaodi yo a neng a patilwe ke Kgosi Gobuamang Gobuamang wa Thamaga, o ne a leka gangwe le gape go rapedisa maikutlo a aneng a ile magoletsa jaaka fa batsadi ba ne ba batla go itse seabe sa puso mo go bolokeng ngwana wa bone le go batla go neelwa dingwe tsa dilwana tse moswi a neng a di apere ka nako ya tiragalo.
Dr Mmusi o kopetse ba sepodisi maitshwarelo mo phosegong e e ka tswang e nnile teng mo go neelaneng le go sa rerisana, a gatelela gore a thulaganyo ya go boloka ngwana e seka ya kgotlelwa ke tsamaiso e e fapogileng, le go fa sepodisi sebaka sa go latedisa se se diragetseng.
Mmagwe moswi, Mme Keitumetse Mosaunyana o ne a supa fa a sa amogele matshediso a a lerilweng ke lekoko la ga molaodi ka go bo sepodisi se ne sa seka sa supa go rekegele maikutlo a bone mo go tlhokafalelweng ke ngwana ka tsela e e ntseng jalo.
“Nna ga ke amogele kgomotso ya lona ka jaana ke dumela fa tiragalo e, e le ya kabomo, e bile e nkgakaletsa bohutsana,” ga tlhalosa mmagwe ngwana.
Rraagwe moswi, Rre Leponto Mosaunyana o ne a wetsa ka go supa gore “goo kgang ga go jelwe sepe” mme a leka go ritibatsang maikutlo a bangwe ba batsadi a ba kopa go itebaganya le go wetsa mosepele wa go rulaganyetsa go boloka ngwana.
Mongwe wa batsadi, Rre Boynyana Kantinnna o batlile dikarabo, a ngongoregela gore go bo go sena thulaganyo ya go thusa ditshenyegelo tsa go boloka ngwana wa bone.
Rre, Tshiamo Bankganne le ene o ngongoregetse go sa thusiwa le ntswa go itsiwe sentle gore leso le bakilwe ke ba sepodisi e bile go le rulaganyetsa go le bokete.
Dr Mmusi o ne a kopa botsadi go nna boitshoko le fa dipelo di gamuketse botlhoko, mme ba sale tsamaiso ya ditlhotlhomiso morago gore tiro e nne le maduo.
Kaelo, yo go kaiwang a ne a na le ba bangwe ba le batlhano, ba go tlhalositsweng ba thusa mapodisi mo ditlhotlhomisaong, o bolokilwe ka Matlhatso 29, kwa Thamaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : THAMAGA
Event : Matshidiso a leso
Date : 01 Aug 2017






