Se kgobiweng marapo ke dikgwetlho
01 Aug 2017
Baikopedi ba lenaneo la Nyeletso Lehuma ba metse ya Khwee le Letlhakane ba gakolotswe go nna pelotelele le boineeelo gore ba kgone go dira dikgwebo tse di nonofileng le go ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo.
Kgotlhatso e, e ntshitswe ke mokhanselara wa Letlhakane Bokone, Rre Boitshwarelo Mopedi ka Labotlhano kwa kalosong ya baikopedi ba lenaneo kwa Letlhakane. Mokhanselara Mopedi a re kgwebo e na le dikgwetlho e bile bareki ba keleka boleng jwa dithoto pele ba reka.
A re seemo seo, se seka sa ba kgoba marapo mme ba se tseye e le thotloetso e e tlaa ba thusang go baakanya dithoto le ditirelo tsa bone.
Rre Mopedi a re puso e ntshitse mananeo go ba ntsha mo lehumeng ka jalo ba tshwanetse ba a dirisa ka botlalo go itlhotlhora lehuma le go hema letlhoko la ditiro.
O supile fa dithuto tse ba di fiwang di le botlhokwa ka gore di ba fa maele a go tsamaisa kgwebo.
Mokhanselara Mopedi a re o lemogile gore bangwe ba nna boitseme fa ba sena go fiwa mananeo mme se, se godise tumelo ya gore mananeo ga a kgone go diragatsa maikaelelo a o ne.
O ba rotloeditse go ikopanya go tlhama dikoporase tsa dikgwebo gore ba kgone go tshegetsana, go gola mmogo le go anamisa dithoto tsa bone gore ba gole.
Molaodi wa Kgaolo potlana ya Boteti, Mme Sebokwana Dikgope-Mosweu a re dithuto tse, ke tsa ntlha tsa legato la boraro (Phrase 3) tsa lenanaeo la Nyeletso Lehuma mme di itebagantse le go tsamaisa kgwebo.
Mme Dikgope-Mosweu a re ba dirisa barutuntshi ba ba ikemetseng, ba itebagantse le kgwebo go fa baikopedi kitso e e tseneletseng.
Molaodi Dikgope-Mosweu o kopile maitshwarelo mo baikopeding a supa fa go tsere lobaka ba ntse ba kopile thuso go rutuntshiwa, a re tiego e e bakiwa ke palo e ntsi ya baikopedi.
O supile fa bontsi jwa baikopedi ba lenaneo la Nyeletso Lehuma, ba eletsa go tsena mo thuong ya dipudi le mororo ba leka go ba rotloetsa go tsena mo dikgwebong tse dingwe tse di akareditsweng mo lenaneong. Mme Dikgope-Mosweu a re ba ne ba kopa barutuntshi go lemotsha baikopedi boleng jwa dikgwebo ka go farologana.
O tlhalositse gore dikgwebo di tshwana le kapei ya borotho, go roka le go apaya di na le mosola a tlatsa ka gore puso le yone e ka ba ema nokeng ka go ba abela dithendara gore dikgwebo di tswelele.
Mme Dikgope-Mosweu a re o tshwenngwa ke gore le fa baikopedi ba fiwa dithuto tse di lebaneng le dikgwebo tse ba eletsang go tsena mo go tsone, bangwe ba nna boitseme mme seo se ba busetse kwa morago.
Mongwe wa batlhatlhelela dithuto go tswa kwa Veldberry Management and Training, Mme Nametsegang Moyo a re tsholofelo ke gore baikopedi ba tlaa dirisa dithuto tse ba di filweng go nna dikgantshwane tsa kgwebo mo kgaolong potlana ya Boteti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : Kaloso ya lenaneo la nyeletso lehuma
Date : 01 Aug 2017






