Breaking News

Mosetho o kopa kemo nokeng ya Batswana

01 Aug 2017


Mme Kganeletso Mosetho wa khampani ya “Further We Go” e e itebagantseng le go dira dikerese o kopa kemo nokeng ya Batswana ka e ka ba tiisa mooko.

Fa a bua mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, Mme Mosetho o supile fa kgwebo eo ya bone e ba e simolotseng ngogola morago ga go bona dithuso mo pusong ka madi a a kanang ka P285 000 ka fa tlase ga lenaneo la Gender affairs, kgwebo e a e tshwaraganetseng le Rre Kelemogile Keoitsile le mme Ketshephang Sanga.

Mme Mosetho o supile fa a itemogetse gore gantsi dikgwebo tsa Batswana di phutlhama ka ntlha ya gore ga ba na kemo nokeng.

“Dikompone tse dintsi mo Maun di santse di reka dikerese kwa Afrika Borwa selo se se re bayang ka fa mosing thata’’ga bua Mme Mosetho.

A re toropo e tshwana le Maun e e dikaganyeditsweng ke diotele tse di tlhokang dikerese ba a tle ba nne le ditiragalo tse di haphegileng mme ba ba reka kwa mafatsheng a sele, selo se a reng se ba nyemisa marapo fela thata.

A re le fa kgwebo eo ya bone e ba tlodisitse molapo ga ba itumelele kemo nokeng e ba e bonang mo Batswaneng, selo se a reng se ba bosetsa kwa morago.

A re Batswana ba santse ba na le tumelo ya gore didirisiwa tsa mafatshe a sele ke tsone tse di nang le boleng jo bo ko godimo, a reng Batswana ba tshwanetse ba fetola tumelo eo mme ba lemoge fa Batswana ba setse ba gatetse pele ba dira dilo tse di boleng jo bo ko godimo fela thata tse di ka phadisanyang le tsa mafatshe a sele.

O tlhalositse fa ba ikaelela go gatela pele le fa ba sa itumelele kemo nokeng ya Batswana, a kaya fa kgwebo eo ya bone e fetotse matshelo a bone fela thata ka jaanong ba kgona go duelela bana kwa sekolong le go ba rekela paka ya sekolo.

“Batswana ba tshwanetse ba rutuntshiwa gore dikerese tse di dirwang monogae di nale boleng fela thata jaaka tsa mafatshe a mangwe,jaaka re bona ditlatlana tsa mo Botswana tse di phaphaselang lefatshe ka bophara”, ga tlhalosa Mme Mosetho

Mme Mosetho o supile fa go sena dikompone dipe tse di rekang dikerese mo go bone, a re ba setse ba rekisetsa batho ka bongwe ka bongwe, a kaya fa kerese e le nngwe e reka P2.50 fa tse dihaphegileng ebile di na le mebala ba di rekisa P3.00.

A re mogopolo oo wa go dira dikerese o ne wa galalediwa thata ke ba Gender affairs ba ba neng ba ka ya fa kgwebo ya go nna jalo e sa tlala thata mo motseng wa Maun.

“Re leka ka bojotlhe go tila dikgang tse gantsi di felelang di dira gore dikgwebo di phutlhame ka go nna re nna le bokopano beke le beke gore ope yo o nang le mathata re kgone go a lwantsha re le mmogo”, ga bua Mme Mosetho.

Mme Mosetho o ne a akgola lenaneo leo fela thata a ka ya fa le ba tlodisitse molapo, a re tumelo ya bogologolo ya gore borre ke bone ba bapalelang malwapa fa bomme e le basalagae fela e fetogile a re lenaneo leo le fa bo mme seriti sa gore le bone ba bapalele ba malwapa a bone.
O ne gape a kopa ba o ba ba mo maikaelelong a go tsenelela mananeo a puso a nyeletso lehuma gore ba tlhophe dikgwebo tse di sa tlalang ka seo se ka ba rotloetsa gore dikgwebo tsa bone di phaphasele mo mmarakeng.bokhutlo.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 01 Aug 2017