Ba kopiwa go boela mekgwa ya maloba
01 Aug 2017
Mothusa Kgosikgolo ya Batawana, Kgosi Bringle Dithapo o kopile bana ba sekolo sa Moeti se segolwane le batsadi go boela kwa mekgweng le dilo tsa maloba.
Fa a ne a simolodisa letsema le maikaelelo a lone e neng e le go agela bana ba sekolo sa Moeti se segolwane lefelo la didiriswa tsa ngwao bosheng, Kgosi Dithapo o tlhalositse fa go le botlhokwa go boela kwa mekgweng ya maloba e tshwana le go tlotla motsadi mongwe le mongwe le go itse ngwao ka di rotloetsa gore bana ba gole ka boikarabelo le maitseo a a eletsegang mo sechabeng.
A re mekgwa eo ya maloba e setse e nyeletse mo sechabeng mme se se dire gore bana ba sekolo ba tlhoke tsebe, seo se ame dithuto tsa bone fela thata.“Batsadi ba mo selelong sa bana ba ba tlhokang tsebe mme ke lemogile gore mekgwa le boitshwaro jwa bogogolo ke yone e e ka re thusang go baakanya seemo sa go nna jalo”, ga bua kgosi.
Kgosi Dithapo a re bogologolo bana ba ne ba gola ba itse gore motsadi mongwe le mongwe ke wa bone, mme seo se ba thuse gore ba nne le poifo ya go dira sepe se se sa eletsegeng mo sechabeng ka ba ne ba tshaba gore motsadi ope yo o ka ba bonang o tla a ba otlhaya .
O tlhalositse fa boitshwaro joo jo bo eletsegang bo setse bo nyeletse mo malatsing ano, a re bana ba kgona go dira sengwe le sengwe se ba se batlang ba sa tshabe ope selo se areng batsadi ba tshwanetse ba se tshibogela thata ba boela kwa megweng ya maloba ba lemoge gore,tloga tloga e tloga go sale gale .
‘’Go gola o itse ngwao ya gago le tse di eletsegang mo sechabeng go dira gore o nne le boikarabelo le poifo ya go dira tse di sa siamang jaaka nnotagi ee tsentseng batsadi tsebetsebe, gape bogologolo ngwana o ne a dumedisa mogolo ope yo a kopanang le ene e le jaaka a supa tlotlo le maitseo,’’ga bua kgosi.
A re ngwao e botlhokwa fela thata mo kgodisong ya bana ka e ka dira ba mafatshe a sele ba e amogele le gone gore e seka ya nyelela, ka jalo kgosi o ne a kopa batsadi gore mekgwa ele ya bogologolo e nne yone e ba godisang bana ka yone gore mathata a a wetseng lefatshe la Botswana a bana ba ba sa utlweng batsadi ba bone a fokotsege.
O ne gape a tlhalosa fa bogololo bana ba ne ba sa letlelelwe go ja dijo dingwe jaaka mae, diphilo le dirwe tse dingwe tsa kgomo, ele ntlha nngwe ya go rotloetsa tlotlo mo btasading ba bone .
Kgosi Dithapo a re ba ne ba bolelelwa gore ba seka ba ja mae, go itsa maitsholo mangwe a a neng a hatlha mo sechabeng jaaka go nna le bana pele ga lenyalo kgotsa go nna le bana kwa le kwa.
O ne a tlhalosa gore seo se ne sa ba sireletsa thata mo malwetsing a a anameng lefatshe le go fokotsa dikgang tsa bo rre ba ba latlhang bana tse di tshwenyang mo Botswana.
‘’Malatsi a re bona bomme ba apara marokgwe mo dikgotlheng le mo dintshong selo se se neng se sa letlelelwe bogologolo, bomme ba ne ba tshwanetse go apara mesese gore batle ba lemogiwe gore ke bo mme ba ba ka nyalwang.
Kgosi o tlhalositse fa bogolgolo go ne go na le manyalo a a nonofileng ka gore bana ba basetsana ba ne ba itshwara sentle le go apara mesese, a re go ne go tlwaelesegile gore basadi ba ne ba fitlhelwa mo malwapeng, eseng ba gompieno ba ba tletsetletseng mo mebeleng, selo se areng bana ba basetsana ba tshwanetse ba se rutiwa fela thata.
Mogolwane go tswa kwa Lephateng la Thuto mo Maun, Mme Veronica Ridge o supile fa go le botlhokwa gore bana ba sekolo ba rutwe ka didirisiwa tsa ngwao ka seo se ka dira gore ba tlhaloganye ngwao botoka.
Mme Ridge o tlhalositse fa ba lemogile fa bana ba sekolo ba sa dire sentle mo ditlhatlhobong segolo bogolo jang tse di buang ka didirisiwa tsa ngwao, selo se ba reng ba belaela se bakwa ke gore bana ba rutwa ka dilo tse ba sa di itseng gape ba sa di dirise mme seo se dire gore ba se ka ba tlhaloganya ngwao botoka.
A re go botlhokwa go nna le didirisiwa tsa ngwao mo dikolong gore fa ngwana a rutwa ka sone a bo gape a se bontshiwa le go se dirisa gore thuto e tsenelele thata mme ba kgone go dira sentle mo dithutong tsa bone ka gore thuto ya mo ntlong ya borutelo e sa lekana ka jalo bana ba tlhoka go dirisa le go bontshiwa didirisiwa tsa ngwao.
“Lefelo le la didirisiwa tsa ngwao le botlhokwa fela thata ka le a go rotloetsa bana ba sekolo gore ba rate ngwao ya bone le gone go ba thusa gore maduo a bone a e kwa godimo mo go tsa ngwao,” ga bua Mme Ridge.
One a akgola batsadi le barutabana ba sekolo sa Moeti, ka go bolotsa molaletsa oo, a kaya gore seo e a go nna thuto e e siameng fela thata segolo bogolo mo baneng ba sekolo ka e tla a rotloetsa mowa wa go dira mmogo le go thusa ba bangwe, a re didirisiwa tsa ngwao tse di mo sekolong di ka rotloetsa bana gore ba di dirise kwa malwapeng a bone le gone gore ba itlhamele dikgwebo eseng go nna fela ba re ba batla ditiro morago ga go fetsa sekolo.
“Lefelo le la didirisiwa tsa ngwao ke sesupo sa gore ngwao ya Setswana e setse e le teng mme e tla a dira gore bana ba sekolo ba e amogele gore e seka ya nyelela”, ga bua Mme Ridge.
Fa a tswa la gagwe mogokaganya ditirelo gone mo sekolong sa Moeti, Rre Daniel Stoffel o kaile fa maikaelelo a bone e le go rotloetsa gore bana ba sekolo ba dirise ngwao ya bone go itlhamela dikgwebo fa ba fetsa sekolo.
Rre Stoffel o supile fa ngwao e le botlhokwa fela thata ka e ka fetola matshelo a batho, a tlhalosa fa bajanala ba rata ngwao ya Setswana fela thata selo se se ba rotloeditseng gore ba amogane kitso ya ngwao le bana ba sekolo gore ba e tlhaloganye botoka.
“Re batla gore bana ba sekolo ba nne le kitso e e tseneletseng ya didirisiwa tsa ngwao gore ba kgone go oka bajanala ka didirisiwa tsa ngwao ka gore kgaolo ya Bokone Bophirima e ikaegile thata ka bojanala mme seo se ka ba tswela mosola fela thata”, ga tlhalosa Rre Stoffel. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : MAUN
Event : Phuthego
Date : 01 Aug 2017






