Lephata le ntshafatsa matshwao a tsela
31 Jul 2017
Mookamedi wa lephata la ipabalelo tseleng kwa Lobatse, Rre Kebaabetswe Keatlholetswe a re jaaka puso e ne ya tsaya tshwetso gore go nne le letsatsi mo kgweding go direla setshaba, lephata la gagwe le tsere tshwetso ya go baakanya kana go shafatsa matshwao a ditsela a a gaufi le dikole.
Rre Keatlholetswe a re se ke mmoono wa lephata, go tokafatsa matshelo a setshaba se ba se fang ditirelo, a tlatsa ka gore ba tsena mo dikoleng go ruta baithuti ka ipabalelo tseleng, mme dipaakanyo tse di tlaa dira go re go nne bonolo gore bana ba tseye molaetsa fa ba rutwa.
Mo go tse dingwe, Rre Keatlholetswe a re ba dira se gore bakgweetsi jaaka badirisi ba tsela ba kgone go fema dikotsi mo toropong mme baithuti bone ba kgone go bona gore ba tlola fa kae go bonala ka matshwao.
A re komiti ya ditlhabololo tsa toropo e na le maikarabelo a go bona gore toropo e sireletsegile gape e babalesegile go ka ngoka babeeletsi le gone go tshegetsa letshego la tshaba e e sireletsegileng e bile e babalesegile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Ntshafatso ya matshwao a tsela
Date : 31 Jul 2017






