Breaking News

Setlhopha se koba bobotlhokatsebe

31 Jul 2017

Banni ba Poloka ba tlhamile setlhopa sa mmino wa dikhwaere ka maikalelela a go lwantsha botlhoka tsebe.

Moeteledipele e bile e le mosimolodisi wa setlhopha se, se se bidiwang Dinaletsana Rre Thato Botshelo 29, o tlhaloseditse BOPA fa botlhokatsebe jwa banana bo ne bo sa mo jese diwelang, mme a tlhama setlhopha se.

Rre Botshelo o kaile fa moono mogolo e le go hapha banana mo nnotaging ka go ba tsenya mo ditirong tse di mosola mo matshelong a bone go na le go gogagogana le mapodisi morago ga go dira melato ba le mo sediding sa nnotagi.

O tlhalosa fa ba dira se ba sa lebale ngwao ya Setswana ka gantsi dipina tsa bone ba di tlhama ba lebile go boloka ngwao le go e ruta ba ba tswang kwa tlase.

A re banana ga ba nne le nako e ntsi go gobeya mo mebileng ka bontsi jwa nako ba e dirisa mo khwaereng mme pheletsong ba nne le go itse fa ba direla motse wa bone leina le lentle.

O boletse fa setlhopha se, se tlhamilwe monongwaga ka kgwedi ya Hirikgong e bile se setse se na le maloko a le masome mararo a a ikiteileng sehuba go gatela pele ka maitlamo a ba a ipeileng pele.

Rre Botshelo o tlhalositse fa ba tshwaragane le bagolo le babereki ba motse go ba fa dikgakololo ka tsamaiso ya khwaere, a re se se ntsha maduo fela a nametsang.

O tlhalositse fa ba ne ba tsere karolo mo dikgaisanyong tsa ga Tautona e bile ba dirile bontle thata ba lebile gore setlhopha se santse se fatlhoga, a re ba tsere maemo a bone mo legatong la ntlha mme ba fetela pele kwa ba tsereng maemo a bo lesome le boraro mo ditlhopheng di le masome a mararo le boraro.

Rre Botshelo o supile fa ba le mo ikatisong e mashetla go itlhokoletsa dikgaisanyo tsa dikgaolo tse e tlaabong e le lantlha ba di tsenelela mme ba na le tumelo ya gore ba tlaa dira bontle.

Le fa gone kgolo e bonala, Rre Botshelo o boletse fa motse wa bone o le kgakala le mme se se ba bay aka fa mosing go bona dithuso ka nako le go goroga kwa diofising ka nako ka dipalamo di le boutsana le yone puisano ya megala e le dingalo ka maranyane a kgona go kgaoga.

Rre Botshelo o kgothaditse banana go ipelega ba seka ba leba fela mo pusong go ba direla sengwe le sengwe. ENDS

Source : BOPA

Author : Moleleki Tsholofetso

Location : POLOKA

Event : Potsolotso

Date : 31 Jul 2017