Tlotlang ngwao go tlisa katlego mo matshelong-Kgosi
30 Jul 2017
Monni wa Majwaneng, Rre James Olesitse o kgothaditse morafe go tsosolosa le go rotloetsa ngwao a re seo se ka tlisa katlego mo matshelong a bone.
O buile se fa a simolodisa semmuso letsatsi la ngwao bosheng kwa Majwaneng mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala ka fa tlase ga se tlhogo se sereng, Re Ribolola Ngwao.
A re mafatshe a mangwe jaaka China a kgonne go tlhabologa ka bofefo ba ikaegile ka dingwao tsa bone le go di tlotla mme seo sa ba ba ya mo maemong a mantle go di goga kwa pele mo go tlotleng ngwao.
Rre Olesitse o supile fa ngwao e akaretsa meila, ditumelo, boitsholo le mekgwa.
A re bana ba tshwanetse go rutiwa ngwao le go rotloediwa go e kgatlhegela, morago ga gore Tautona wa lefatshe leno a e tlotlomatse ka go ribolola ditalente tsa dingwao tse di farologaneng lefatshe ka bophara tse mo nakong eno bontsi bo itshetsang ka tsone.
O ne a kopa magosi go rotloetsa le go nna sekao mo bananeng ka go diragatsa dingwao tsa metse ya bone.
Mothusa mogolwane wa lephatla la tlhabololo banana metshameko le ngwao wa kgaolwana potlana ya Palapye, Mme Tootini Mogopa a re puso e tshwere ka natla go rotloetsa le go tsosolosa ngwao ka madi a a lebaganeng le dikgaisano tsa banana le bagolo ka bongwe ka bongwe.
A re thotloetso e, e tlaa tswelela ngwaga le ngwaga maikaelelo e le gore ngwao e tlotlomadiwe kwa malwapeng, dikoleng le kwa metshamekong ya banana mme ke ka moo lephata la gagwe le filweng boikarabelo jwa go itebaganya le dikgaisano tse di farologaneng tsa ngwao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : MAJWANENG
Event : Letsatsi la ngwao
Date : 30 Jul 2017






