Breaking News

Dikoporase di ka ntsha batho mo lehumeng

30 Jul 2017

Modiri go tswa kwa lephateng la dikoporase kwa Molepolole, Mme Kenaope Zilawe o supile fa bontsi jwa batho ba sa kgone go lemoga fa dikoporase di le bogadi bo gaufi e bile di ka ba namola mo lehumeng.

Mme Zilawe o tlhalositse se mo puisanong jaaka a ne a a fa banana ba Thamaga ba maikaelelo a bone e leng go bula koporase mo motseng oo maele.

A re ba lemogile fa dikoporase ka bontsi bogolo jang tse di magorogo masha di sa kgone go itsetsepela ka jaana di simolola di sena madi ape a di ka a dirisang mo ditirong tse beng ba batlang go di dira.

O ne a tlhalosa fa batho ba tshwanetse go nna tlhaga le go batla ditsela tsa go dira madi go ka dira gore dikoporase tsa bone di simolole go itsamaisa.

A re makalana a tshwana le CEDA a ka thusa dikoporase ka madi mme a ba kgothatsa le go dirisa mananeo a puso a tshwana le YDF le a mangwe.

O tlhalositse fa dikoporase tse di tsamaisiwang sentle di dira letseno le le kwa godimo mme e bile di fetola matshelo a beng ba tsone a re bopelotele le tirisano mmogo di a busetsa mo koporasing.

A re go botlhokwa gore banana ba ikopanye ba dire dikoporase go fetola matshelo a bone le go kgona go nna le letseno jaaka mongwe le mongwe yo o berekang.

O ne a tlhalosa fa malatsi ano, go ipereka e le selo se se ka ntshang ba le ba ntsi mo lehumeng fela fa kgwebo e tsamaisiwa ka tsela e e lolameng.

O tlhalositse fa dikoporse di tshwanetse tsa tsewa jaaka dikgwebo mme e bile beng ba tsone ba di tsamaise fela jaaka dikgwebo dingwe le dingwe go ka bona maduo a tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : THAMAGA

Event : Thuto puisanyo

Date : 30 Jul 2017