Breaking News

Malatangwao a a ipelega

30 Jul 2017

Mokgatlho wa Malatangwao kwa Serowe, o simolotse methale ya go kokoanya madi go baakanyetsa letsatsi la ngwao le le tlaa bong le tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ka kgwedi ya Lwetse.

Mo potsolotsong le BOPA, moeteledipele wa mokgatlho, Rre Samuel Letlhare yo o tlhamileng mokgatho oo morago ga go lemoga fa ngwao ya

Bangwato e nyelela a re ba dira ka bojotlhe go netefatsa gore letsatsi leo e nna le le kgatlhisang.

Rre Letlhare o supile fa bogosi jwa ga Mmangwato ba amogetse mogopolo wa gagwe ka tsoopedi, e bile mo bogompienong mokgatlho wa bone o kwadisitswe semmuso.

Mokwaledi wa mokgatlho, Mme Dories Segolodi a re mokgatlho o na le kgolo ya maloko e bile ba ne ba fiwa sebaka sa go buisa dikgosana tsa

Serowe mo bokopanog jwa bone jwa beke le beke go ba ruta ka maitlamo a mokgatlho. “Re setse re simolotse ka go apaya dijo go tsenya madi mo letloleng. Re dira se go bontsha magosana maitlamo a rona le go kgobokanyetsa letsatsi la ngwao madi,” ga tlhalosa Mme Segolodi.

Mme Segolodi o tlhalositse fa e tlaa bo e le lantlha ba tshwara letsatsi la ngwao mme maikaelelo a bone e le go tshwara moletlo o ngwaga le ngwaga.

Mongwe wa maloko a mokgatlho, Mme Leamogetswe Makgoeng a re e rile go lemogeng maikaelelo le maikemisetso a mokgatlho o, o ne a se ka a bonya go nna leloko ka a ikemiseditse go ithaopela mokgatlho gore a tle a rute Batswana ba bangwe ka ngwao ya bone ya Sengwato, kwa ntle le dituelo dipe.

Mme Tshireletso Koee le ene o ne a re jaaka leloko, o ikaelela gore a tlhomamise gore mokgatlho o a atlega mo go lateleng ngwao ya Bangwato kwa e saleng e latlhega teng.

A re ke sone se a tlhomamisang gore o dirisa nako ya gagwe le tsotlhe tse a nang natso mo go kgobokanyetsa letsatsi la ngwao ditsompelo gore le tle le kgone go nna teng.

Kgosana Mme Thaiso Pulane wa kgotla ya goo Tshweu kwa Serowe yo a neng a rotloetsa mokgatlho ka go reka dijo tsa bone, o ne a supa fa ba na le maikaelelo ka ba ne ba apeile dijo tsa Setswana jaaka bogobe jwa legala, koko ya Setswana e bile di apeilwe Setswana go sa tsengwa dinkgisa monate tsa segompieno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkutule Selathwa

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 30 Jul 2017