Ba Gamodubu ba tshwarisitswe bothata ke lehuti la matlakala
30 Jul 2017
Kgosi Samuel Ramotlabiki wa Gamodubu a re ba tshwarisitswe bothata ke lehuti la matlakala le le mo motseng.
O tlhalositse fa lehuti le le simolotse le tswalwa ka nako ya borataro mo maitseboeng.
A re jaanong nako di fetotswe, le tswalwa ka metsotso e masome a mararo morago ga nako ya bone fa gare ga beke. A re ka mafelo beke le bulwa go tsena ka nako ya lesome le bobedi.
Kgosi a re botsamaise ba lehuti bo lela ka tlhaelo ya madi ka go duela babereki nako ee fetileng ya go dira e ka nna kgwetlho.
A re se se baka gore fa dikoloi di tla ka matlakala mme di fitlhela go tswetswe, di a latlhela gongwe le gongwe mo motseng go sa kgathalesege gore ke a selebego sefe.
A re batho ba bona fa go boa ka matlakala e le poelo morago ka jaana bangwe ba tswa kgakala gonne lehuti le phutlha matlakala a kgaolo ya Kweneng le toropo ya Gaborone.
A re matlakala a a baka malwetse le dintsi. O tlhalositse fa morago ga dipula motse o sa lebege ka jaana a mangwe a phatlalatswa ke metsi.
Kgosi o tsweletse a tlhalosa fa go kile gatla baithuti ba mmadikolo ba dira dipatlisiso ka ditlamorago tsa lehuti le.
A re baithuti ba ile ba lemoga fa go nale monang o o okiwang ke leswe la lehuti mme e bile bana bangwe ba sekolo se se botlana sa Gamodubu ba tsenwe ke bolwetse jo bo anamiswang ke monang wa teng.
Rre Ramotlabiki o boletse fa monko o o tswang mo lehuting la matlakala o le montsi thata. A re ba bogogi ja lehuti bo ba boleletse fa se se bakwa ke gore mmu o ba o dirisang go papiela matlakala o sa siama.
A re ba re ba tlhoka mmu oo seloko ka jaana e le one o kgonang go khurumetsa selo se bo se sa nkge.
Kgosi o boletse fa ba kopa botsamaise ja lehuti go phatlalatsa dinako tse di fetogileng tsa pereko ka maranyane a segompieno, diromamowa le ditshwantsho tsa motshikinyego.
A re fa e le gore seemo ga se tokafale go boelwe ko dinakong tsa bogologolo.
E re go le jalo, banni ba Gamodubu ba lela ka metsi. Kgosi a re metsi a senya meno ka jaana a nale kalaka e ntsi.
A re dipompo tsa metsi mo motseng di kgakgathegetse ka kalaka mme ga di ntshe metsi.
O tsweletse a tlhalosa fa kalaka e senya didirisiwa tsa mo matlong ka jaana di fetoga mebala.
Are go kile gatla lekoko la puso go tla go lekola seemo sa metsi ngwaga o simolola mme ga ba ise ba buse phetolo ko morafeng.
A re go topegela ga kalaka mo metsing go bakile gore batho bangwe ba pake metsi go tswa ko Gaborone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : GAMODUBU
Event : Potsolotso
Date : 30 Jul 2017






