Breaking News

Banana ba kopilwe go tsepama mo mananeong

30 Jul 2017

Mogolwane kwa lephateng la banana, metshameko le tlhabololo ngwao a okametse kgaolo ya bokone, Rre Jacob Sekgoni o kopile banana go nna boineelo, bopelotelele le go tsepama mo megopolong e ba nang nayo gore mananeo a bone a atlege.

Rre Sekgoni o buile se ka letsatsi la pitso ya banana ba dikgaolo tsa botlhophi tse di mo kgaolong potlana ya Tutume kwa Tutume ka Matlhatso.

A re banana ba na le go itlhobogo mme se se ba diye go tsweledisa megopolo le dikakanyo tse ba nang natso.

A re pitso e, e ne e diretswe banana go tla go abelana megopolo le ba tsaya karolo ba ba farologaneng go tswa mo maphateng a puso le a a ikemetseng ka maikaelelo a go ba fa lesedi le motlhala ka mananeo a a itebantseng le bone.

Rre Sekgoni a re kopano joo gape e ne e le go abelana dikgwetlho le matshwenyego a banana ba kopanang nao fa ba ikopela dithuso tsa lenaneo la banana la Youth Development Fund (YDF), mme ba tle ka ditharabololo e le ba na le seabe ka moroto wa o esi o sa ele.

O kgothaditse banana go ema ka dinao go tla ka maano a a tlaa ba thusang go atlega mo botshelong, a tlhalosa fa ba ba kgonneng e se gore ba kgonne ka letsatsi le le lengwe mme ba ne ba seka ba itlhoboga, ba tswelela go fitlhelela ba kgona se ba neng ba se batla.

Rre Sekgoni o kopile bana go dirisa kitso e ba e amule mo bokopanong joo, le go itlhaganelela go ya go ikopela dithuso kwa diofisi.

Rre Wachila Khani wa Dominic studio, e bile e le monana yo o thusitswe ka lenaneno la banana mme kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle o galalesitse puso go nna tsebe ntlha go rekegela dilelo le matshwenyego a banana.

Rre Khani a re puso e leka ka bojotlhe go tlhokomela banana ka go ba direla mananeo a ka one ba ka kgonang go ishetsa.

O ne a gwetlha banana ba bangwe go tsaya mananeo go tlhabolola matshelo a bone le go kopa dikgakololo ka mananeo a ba batlang go a dira le go dira dipatlisiso pele fa ba simolola kgwebo.

A re gantsi dikgwebo di digwa ke gore batho ba dira kgwebo e e tshwanang ba le bantsi.

Rre Khani o ne gape a gwetlha banana go dirisa maranyane a facebook go dira dipatlisiso ka dikgwebo go na le go a dirisa botlhatswa.

A re gape ba tshwanetse go nna ba ikoketsa dithuto gore ba kgone go tsamaisa dikgwebo tsa bone, a gakolola go seka-seka dikgwebo tsa temo ya merogo fa ba ikopela mananeo ka di sa ntse di na le mmaraka.

Banana ba kopile gore madi a ba thusiwang ka o ne, a okediwe go ya kwa go P200 000, ba bolela fa ditlhwotlhwa di fetoga ngwaga le ngwaga.

Ba ne ba kopa gore go nne le makgotla a banana (youth association) kwa dikgaolong gore ba kgone go amogana maele le dikgwetlho tse ba kopanang natso.

Fa a tsibogela matshwenyego, Rre Sekgoni o ne a bolela fa lephata la gagwe le amogela megopolo.

A re seo ba se supile ka go ba okeletsa malatsi a go dira dikopo tsa bone ka lenaneo la YDF mme a tlhalosa fa dingwe di fetisediwa kwa go baba maleba.ENDS

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Pitso ya banana

Date : 30 Jul 2017