Breaking News

Dithabololo di fokotsa morojwa kwa Serowe

30 Jul 2017

Ditlhabololo le fa di amogelesega fa gongwe di nna le ditlamorago jaaka se se itshupile mo kgolong ya mmolo wa Serowe.

Kgolo ya mmolo o, e amile thata setlhare sa morojwa se se neng se aname mo dikgotlaneng tsa Sebina, Talaojane, Mhaswa le Rakgomo.

E ne yare jaaka fa mmolo o katolosiwa e bile dikgotlana tse dingwe di tshwanelwa ke go sutela ditlhabologo, se sa felela se raya gore setlhare se, se kgaolwe.

Leungo la setlhare se, le le rategang thata, la fokotsega.

Mo potsolotsong le BOPA Kgosana Kago Ramakgala wa kgotla ya Maaloso-a-ngwana yoo okametseng dikgotlana tse setlhare se sefitlhelwang thata mo go tsone a re morojwa o ditiro dintsi ka bangwe ba itshetsa ka go o rekisa, letshotlho la moroja bangwe ba le dirisa go phepafatsa meno fa bangwe ba se dirisa jaaka moriti.

A re go gola ga mmolo wa Serowe go tsile go ama setlhare se thata ka gore dikgotla tse s efitlhelwang mo go tsone di a sutisiwa mo go dirang gore pabalesego ya setlhare se e neng e se bona mo malwapeng e nyelela e bile se a kgaolwa go sutela ditlhabolo.

“E re le mororo re ka seke re kganele ditlhabololo, setlhare sa moroja se molemo ka se kgona go ijwala,” ga tlhalosa Rre Ramakgala.

Kgosi o rotloeditse setshaba go fuduga le matlhogela a setlhare se mme ba se leme kwa ba fudugelang teng go itsa go nyelela ga sone.

Mme Kesetsenao Oitsile yo o rekisang diaaparo a re o na le dikgwedi di supa a ntse a gwebela ka fa tlase ga setlhare sa morojwa se se bapileng le ofisi ya Omang mo Serowe.

“Ke tlhophile lefelo le ka ke ne ke batla moriti wa setlhare,” ga tlhalosa Mme Oitsile.

A re le fa a ne a latetse moriti fela o ja le dikungwa tsa setlhare e bile wa setlhokomela ka e lefelo la gagwe la itshetso.
O tlhalositse gore se mongokela bareki bogolo thata ba ba ratang maungo a sone. ENDS

Source : BOPA

Author : Onkutule Selathwa

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 30 Jul 2017