Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa leruo

27 Jul 2017

 Mookamela mapodisi a Lobatse, Superintendent Photsanyana Mogatsaseno a re ba tlhotlhomisa monna mongwe mabapi le dikgomo tse go belaesegang e le tsa bogodu.

Supt Mogatsaseno a re dikgomo tse, tse di leng lesome le borataro ka palo, di fitlhetswe mo lesakeng la mmelaelwa ko morakeng wa Kamawe, o o gaufi le motse wa Maisane mo kgaolong ya Ngwaketse.

O tlhalositse fa ba tshwere dikgomo tse morago ga go longwa tsebe ke mongwe, yo o neng a gakgamadiwa ke go bona masaka mo sekgweng a na le dikgomo.

O akgoletse kemonokeng ya sechaba mo go lwantsheng borukutlhi, mme a rotloetsa setshaba gore se tswelele ka mowa wa go loma sepodisi tsebe fa go na le tiragalo e ba e belaelang, kgotsa e e sa tlwaelesegang.

Supt Mogatsaseno o rotloeditse setshaba go tshuba le go tshwaya dinamane gore go nne bonolo gore ba di lemoge fa di utsulwe.

O tladitse ka go gakolola setshaba gore, yo o timeletsweng ke dikgomo o ka itshwaraganya le mapodise a a gaufi le bone, kgotsa ba itshwaraganya le mapodise a Lobatse go tla go bona dikgomo tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Potsolotso

Date : 27 Jul 2017