Segone o tshela ka go suga matlalo
27 Jul 2017
Batswana ba tsweletse ka go lebogela mananeo go itlhamela mebereko le go itshedisa.
Rre Gaogakwe Segone wa Kopong kwa kgotleng ya Mashibitswe ke mongwe wa ba ba akotseng mananeo a puso morago ga go fiwa P100 000 ke lephata la banana ngwaga ngogola.
O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ya go dira dibeke, mabante, dipache, ditlhako tsa matlalo, diaparo tsa mmino wa setso ka ngwaga wa 2014.
A re o kgona go ntshafatsa dilwana tsa matlalo tse di duleng boleng e bile gape o kgona go kwala le go tshwantsha ka letlalo.
Rre Segone (36) o tlhalositse fa lehuma e le selo sa maloba mo botshelong jwa gagwe e bile o ikgantsha ka se puso e mo dirileng sone.
A re morago ga dithuso tseo, lephata la temo thuo le ne la mo isa sekoleng lobaka lwa dibeke tse thataro kwa Otse go ithuta go suga matlalo.
“Le fa nne ke itse go suga matlalo, dithuto tse di nthusitse fela thata ka gompieno ke itse go suga matlalo jaaka fa go tshwanetse, ke mmantswitswidi wa matlalo e bile botshelo jwame ke matlalo,” ga bua Segone.
O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya matlalo morago ga go lemoga fa a ka mo fa botshelo jo bo botoka.
Moeteledipele yoo, wa madirelo a GGS Investment o buile fa batho ka bontsi ba na le bokgoni jwa ditiro tse di farologaneng tsa diatla mme ba itsapa go di dira, a tlatsa ka gore tiro ya diatla ke botshelo o rutegile kana o sa rutega.
A re batho bangwe ba bona matlalo e le matlakala fa e ne a bona e le madi a a ka mo tshedisang botshelo jwa dikeletso tsa gagwe.
E ne ya re ka 2012, a tsenelela dikgaisanyo tsa ga Tautona mme a tsaya maemo a ntlha mo kgaolong ya Kweneneng fa mo Botswana a ne a tsaya a botlhano.
O ne gape a akgola Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a dirile dikgaisano tse ka di sologelang bagwedi mosola e bile di ba fa sebaka sa go tsaya maele mo bagwebing jaaka bone.
Rre Segone o supile fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle e bile dipoelo di mo tshedisa fela sentle ka letsatsi ga nke le feta a sa bone diya maleng.
A re dikgwetlho tse ditona ke gore bareki ba leletse ruri ka ditlhotlhwa tsa gagwe, a tlatsa fa bontsi jwa bareki ba rata go tsena ka lenga la seloko mme ba sa feleletsa dituelo.
A re go tlhoka go duela sekoloto go diga kgwebo ya gagwe ka didirisiwa di tshwanetse go itheka.
O tlhalositse fa kgwetlho e nngwe e le gore Batswana ba rata go reka dilo tsa batswakwa thata.
“Le fa o ka dira dilwana tsa boleng jo bo ntseng jang, bone ga ba lebelele seo, ba siela kwa batswakweng mme se se supa fa Batswana ba sa etleetse Batswana jaaka bone,” a supa.
O kopile Batswana go emana nokeng ka seo se supa lorato le go kgathala ka motho o mongwe.
A re o kgothatsa banana le Batswana ka kakaretso go inamola lehuma la nta ya tlhogo ka go tsaya mananeo a puso gonne ke a Motswana mongwe le mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KOPONG
Event : Potsolotso
Date : 27 Jul 2017






