Breaking News

Makgasa a dikiribane a fetola botshelo jwa monana

27 Jul 2017

Seane se se reng, phuthi e rubelelwa ke yo o menwana e tsweameng ke so ne se Rre Mpho Thobogang, yo o inaakantseng le botsipa jwa go nosetsa ditshipi go dira ditilo ka makgasa a dikiribane, a ikaegileng ka sone. 

Morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe tsa Design and Technology kwa sekoleng sa ithutelo borutabana kwa Molepolole College of Education ka ngwaga wa 2014, botshelo jwa ga Rre Thobogang ja simololola go ketefala, sebe sa phiri e le letlhoko la fa a ka tsenyang diatla teng. 

Dingwaga di le tharo kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya borutabana a remeletse mo tirong ya diatla, di ne tsa a fa lekawana le le tlholegang kwa Palapye tsholofelo ya gore botshelo e tlaa nna relele ka go bo a tlaa bo a ipapanne ka setlankana se se ka mmulelang dikgoro tsa mmereko.  E re ka botshelo e le masaaitseweng e bile loeto lo kgona go nna le dikgopi fa pele, botshelo jwa tlhobosa ditoro tsa ga Rre Thobogang, inalebe ya fetoga go nna seromo a iphitlhelang a le mo dipalopalong tsa banana ba ba tletseng mo mekgwatlheng ka ntata ya letlhoko ditiro. 

Ka go twe methale ya khumo e mentsi e tlhoka balati, e bile maano a botshelo a sa site, leano la ga Rre Thabogang la go bona gore o ka tsipatsipela botshelo jang ya nna gore ke a dirise botsipa jwa go nosetsa ditshipi jo a bo ithutileng kwa Molepolole College of Education go bula kgwebo ya go dira ditilo tsa ditshipi mme e bile di le pharologano mo go tse dingwe. 

Rre Thobogang, 27 ka botsipa jo a bo amuleng jwa go nosetsa ditshipi a leba lekgasa la kiribane, a bona le ka dira setilo se se kgatlhang leitho. 

“Tota mo lekgaseng la kiribane ne ka kgathiwa thata ke matheneketheke le mekono ya tshipi ka fa e betlilweng ka teng go dira kiribane,” a bua a supa sengwe sa setilo tse di feletseng tse a di dirileng a dirisa tshipi ya lekgasa la dikiribane. 

Mo potsolotsong, Rre Thobogang a re makgasa a dikiribane a nnile mosamarea yo o molemo mo seemong se a neng a le mo go sone sa letlhoko la tiro a supa fa kgwebo ya gagwe e e nang le ngwaga tse pedi ya ditilo tsa makgasa a dikiribane e tsweletse sentle. 

Botswerere jo a bo dirisang go betla, bo supa fa tota moroka o sita ka pula selo se se kgonneng go mo ngokela bareki mo ponyong ya leitlho ntswa kgwebo ya gagwe e le magorogo masha mme e bile e le ya ntlha ya mofuta oo. 

A re dipoelo tsa kgwebo ya gagwe ke tse di nametsang a supa fa setilo se le sengwe a se rekisa P150. 

Ka Palapye e le motse o itemogela kgolo ya dikago tse di tsweletse di tshwana le go agiwa ga matlo le ditlhabololo, se se tlhotlhofofatsa kgwebo ya ga Rre Thobogang ka go bo bontsi jwa dinako fa dikago tseo di sena go fela o ikatumetsa beng ba dikago tseo go kopa makgasa a dikiribane. 

“Kgwebo yame ga e na ditshenyegelo tse di kalo kalo ka go bo didirisiwa tse ke di didirisang tse e leng makgasa a dikiribane di le motlhofo go bonala” a tlhalosa jalo. 

A re ntswa nako dingwe a fiwa makgasa a dikiribane mahala, bangwe ba a di mo rekisetsa a supa fa a ba a ba leboga ka P20 selo se a sa se ngongoregeleng ka go bo e le tlhwatlhwa e e ko tlase. 

O kaile fa kgwebo ya gagwe e kgatlhegetsweng thata ke bagwebi ba marekisetso a bojalwa le dihotele a supa fa ba reka ditilo tsa gagwe ka dipalo tse di nametsang selo se a tlhalositseng fa se mo nonisa pelo. 

A re ba lekalana le le sireletsang ditiro tsa badiragatsi la CIPA ba mo rotloditse go sireletsa bodiragatsi jwa gagwe ka go dira mokwalo le bone o o netefatsang fa e le ene motlhami le mosimolodi wa ntlha go dira ditilo ka makgasa a dikiribane. 

A re ba lekalana leo ba mo tlhaloseditse fa go sireletsa bodiragatsi jwa gagwe go ka mo thusa go lwantsha bogodu jo bo seng ka fa molaong jwa bao ba ba utswang dikitso le botlhami jwa badiragatsi. 

O rotloeditse banana ka ene segolo bogolo ba ba ithutetseng tiro ya diatla go itlhamela mebereko ka go dirisa maele le dikitso tse ba di amuleng kwa dikolong tsa ithutelo tiro ya diatla gona le baya mo pusong gore e ba tlhamele ditiro. BOPA

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 27 Jul 2017