Tshwaraganang le Puso go lwantsha borukuthi - Koma
27 Jul 2017
Banni ba Mahalapye le metse e e mo tikologong ba kopilwe go thusana le mmuso go lwantsha borukuthi jo bo apesitseng Batswana kobo ka letshoba.
Kopo e, e dirilwe ke mokhanselara yo o itlhophetsweng ke tona, Rre Nametso Koma, yo a neng a simolodisa lenaneo la go lwantsha borukutlhi kwa Mahalapye le lefatshe ka bophara bosheng.
Rre Koma a re le ntswa lefatshe la Botswana e le lengwe la mafatshe a e leng dikgantshwane mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho, sebe sa phiri lefatshe leno go lebega e le lengwe la mafatshe a a digogang kwa pele mo tshenyetsong setshaba le borukuthi jwa go amoga ba bangwe dithoto.
A re go mo maruding a Motswana mongwe le mongwe go thusana le mmuso go lwantsha borukutlhi ka jaana bogodu jwa go amoga ba beng dithoto, go utswiwa ga leruo le tshenyetso setshaba e dirwang mo maphateng a puso le makalana a tlhakanetseng kgwebo le mmuso e le dingwe tse di kokonelang itsholelo ya lefatshe le go humanegisa Batswana.
Rre Koma o akgotse mokgatlho wa African Foundation For Human Safety go nna le seabe mo go ruteng setshaba ka twantsho borukuthi le tshireletsego ya batho mo malwapeng ga mmogo le mo mebileng.
Mokhanselara Koma o tlhalositse fa bontsi jwa borukutlhi mo lefatsheng leno bo rotloetswa ke batsadi ba ba amogelang dithoto tsa bogodu mo baneng le batho ba ba rekang dithoto tsa bogodu.
E rile motshwarelela mokwaledi wa khansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Detto Molatlhegi a tswa la gagwe, a bolela fa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le nnile le seabe se se tona mo go lwantsheng thekiso ya majalwa morago ga dinako tse di beilweng le go tshwara diruiwa tse di gobeyang mo ditoropong le mo metseng e metona.
Mogolwane wa lephata la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Mme Gaolathe Kebalepile a re dipatlisiso tse di dirilweng di supa fa bontsi jwa tshenyetso setshaba e dirwa ke badirelapuso ba ba solofediwang pipa-molomo ke bangwe ba maikaelelo a bone e leng go diga itsholelo ya lefatshe.
Modiri wa lephata la dipalamo le Ipabalelo tseleng, Rre Onkabetse Frans fa bontsi jwa dikotsi di bakwa ke go iphitisa dino, go kgweetsa ga batho ba sena ditlankana, go tlhoka go obamela matshwao a tsela le go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Tshimolodisa lenaneo la go lwantsha borukutlhi
Date : 27 Jul 2017






