Breaking News

Monna o thudilwe ke koloi kwa Mahalapye

27 Jul 2017

Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro le bosupa wa kgotla ya Bokaa kwa Mahalapye, o tlhokafetse Labobedi a sena go thulwa ke koloi mo tseleng ya A1. 

Mogolwane wa mapodise a pharakano, Superintendent Kgosienalerona Sechoni, a re kotsi eo e diragetse dikhilomithara di le tharo, borwa jwa Mahalapye fa moswi a ne a palame baesekele go ya tirong kwa Morale. 

A re le fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi, ba thusana le rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa mabapi le tiragalo eo. 

Ka nako ya kgang e e kwalwa serepa se ne se beilwe kwa setsidifatsing sa kokelo ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka fa maina a gagwe a santse a lobilwe go fitlha ba losika ba itsisiwe. 

Superintendent Sechoni o ikuela mo bakgweetsing le batsamaya ka dinao go obamela matshwao a tsela go hema dikotsi tse go bolelwang di gapa matshelo a batho ka bontsi. 

A re go le gantsi dikotsi di diragala thata fa batho ba kgabaganyang tsela teng ntateng ya go tlhoka go obamela matshwao a tsela le go kgweetsa ka lobelo le le feteletseng. 

A re fa e sa le kgwedi eno e simologa go fitlha gompieno, go nnile le dikotsi tse tharo tse mo go tsone batho ba le bararo ba lathegetsweng ke botshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 27 Jul 2017