Breaking News

Ba thuto ga e golelwe ba rotloeditswe tiriso ya maranyane

26 Jul 2017

Baithuti ba kgaolo potlana ya Bobirwa ba rotloeditswe go ithuta maranyane. 

Kgakololo e, e dule ka mogolwane wa thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong ya Bobirwa, Rre Moses Tshetlhana kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la go bala le go kwala kwa Tobane kwa sekoleng sa Motlhasedi Junior Secondary School ka Mosupologo. 

Rre Tshetlhana o boletse fa nako e gorogile gore baithuti ba bo ba kgona go dirisa di dirisiwa tsa maranyane di tshwana le dikhomputara go akaretsa le mogala wa letheka ka setlhogo sa letsatsi e ne e le Go ithuta mo metheng ya maranyane. 

Rre Tshetlhana o ne a tlhalosa fa baithuti ba thuto ga-e-golelwe ba rutwa ditiro tsa diatla tse di farologaneng jaaka go loga, go betla, go bopa le go bala le go kwala. 

A re fa moithuti a itse go bala le go kwala go nna motlhofo gore a bo a ka dirisa maranyane a tshwana le Facebook go bapatsa tse a setseng a di dirile lefatshe ka bophara mme se se dire gore tiro ya gagwe e kgone go bonwa le go bona bareki ka nako. 

Rre Tshetlhana o ne a tlhalosa fa kgaolo ya Bobirwa e ne e ikaegile ka moepo wa BCL o o sa tlholeng o bereka mme a rotloetsa ba ba setseng ba rutilwe go itirela ka diatla ka lenaneo la thuto-ga-e-golelwe go dirisa kitso e ba e anywileng ya go loga le go betla go dirisa sebaka se go tsosolosa itsholelo ya kgaolo ya bone. 

Rre Tshetlhana a re letsatsi la go bala le go kwala le dirisiwa go itshekatsheka le go tsosolosa maitlamo a bone a go bona go re setshaba se amogela thuto le go bona tse ba dikgonneng. 

O rotloeditse bogogi jwa Tobane go rotloetsa morafe go tsenelela lenaneo la thuto ga e golelwe ka e setse e alositse beng ba dikgwebo ba matshelo a bone a tokafetse fela thata. 

Rre Tshetlhana o tlhalositse fa dipalo tsa baithuti ba ga-e-golelwe mo kgaolong potlana ya Bobirwa di le 357 mo go bone ba le 294 e le bomme a re se se supa fa borre ba santse ba goga dinao mo thutong. 

Mme Maikano Keonyatse wa Tsetsebjwe o ne a fa bopaki ka fa ga-e-golelwe e mo thusitseng ka teng a tlhalosa fa a ne a ithuta ditiro tsa ka diatla jaaka kapei ya borotho le go roka. 

Mme Keosenye o tlhalositse fa e rile morago ga go tsena mo thutong ya go apaa borotho a ya go ikopanya le CEDA mme ba atla kopo ya gagwe b abo ba mo neela madi a ka one a kgonneng go reka metshine ya borotho mo e bileng a tsweletse ka kgwebo ya gagwe ya go apaya mefuta e e farologaneng ya borotho. 

Mme Keosenye o rotloeditse ba ba saletseng kwa morago go ikopanya le ga-e-golelwe ka e ka ba ntsha mo lehumeng le go fokotsa letlhoko la ditiro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboswe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Ipelelo letsatsi la go bala le go kwala

Date : 26 Jul 2017