Lenaneo le thusa mo-na-le-bogole
26 Jul 2017
E re ka puso ya lefatshe leno e ikaeletse go ntsha Motswana mongwe le mongwe mo lehumeng, ba-na-le-bogole le bone ba tsweletse ka go akola mananeo a, go tokafatsa matshelo a bone le go inamola mo lehumeng.
Rre Thapediso Lesetedi ,monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bone wa Matlapana kwa Maun yo o boneng dithuso tsa lenaneo la LIMID, o ne a abelwa dikoko tsa Setswana ka ngwaga wa 2015 di le lesome le botlhano go simolodisa kgwebo ya go rua le go rekisa dikoko tse.
E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng, rre Lesetedi o supile fa a ne a bona dithuso tse ka go tsewa ke mme mmaagwe ba etela ofisi ya ga mmaboipelego mo khanseleng potlana ya bokone Bophirima kwa a neng a felela a kgonne go fiwa dithuso tse.
O ne a supa fa go le pele ane a nna fela mo lwapeng a sa dire sepe fa e se go tlhola a dikologa le meriti, lehuma le tala di itleleketse mo go ene.
“Mo malatsing a no ke bereka dikoko tsa me, ke na le tiro ebile ke oba letsogo kgwedi fa e fela jaaka batho ba bangwe.
Rre Lesetedi o supile fa mo nakong eno dikoko tsa gagwe di le masome a supa le boferabongwe, a re koko e le nngwe e ja masome a matlhano a dipula, mme a rekisetsa batho ka go farolagana le dikompone dingwe tsa marekisetso a dijo kwa Maun.
O supile fa batho ka bontsi ba rata nama ya koko ya Setswana ebile ba reka dikoko tse mo go ene ka go bo di sa fiwe dijo tse di nang le melemo kana dichefi tse di digodisang tse di ka bakang malwetsi mo mebeleng ya batho.
Rre Lesetedi o supile fa a kgona go dira makgolo a supa a dipula mo kgweding mme ebile botshelo jwa gagwe bo setse bo na le bokao le boleng ka a sa tlhole e le morwalo mo bathokomeding ba gagwe a kgona go itlhekela molora le dijo.
O ne a tswelela a tlhalosa fa a na le keletso ya go atlolosa kgwebo ya gagwe a batla go rua mefuta ya dikoko tse dingwe tsa nama le tsa mae.
Rre Lesetedi o supile fa a na le dikgwetho tsa diji di tshwana le dinoga le dintsa tse di jang dikoko mme seo seo ga sena go mo kgoba marapo ka a tla tswelela a tshwere ka thata.
E rile a tswa la gagwe , mothokomedi wa ga Thapediso, e leng mmaagwe, mme Olebogeng Lesetedi o supile fa lenaneo le ba thusitse fela thata ka ba ne ba ngakalala go bona gore Thapediso o na le botsogo jo bo bo siameng ka seo se ne se lopa madi a mantsi.
“Mo nakong ya gompieno le rona re kgona go itirela ditiro tsa rona re phuthologile ka go bo madi a a bonang ka go rekisa dikoko tse a mo thusa go reka sepe fela se a se thokang le se a se eletsang.
“O setse a ipuletse bukana kwa posong e a latlhelang bonnyane bo bo salang fa a sena go rekisa, gore a tle a kgone go ithusa mo isagong,” ga bua mme Lesetedi.
Mme Lesetedi o ne a gakolola ba o ba ba tshelang le ba-na-le-bogole go nna ba tsenelela diphuthego tsa kgotla le go kokota mo diofising tsa puso gore batle ba kgone go bona dithuso.
“Nako ya gore bana-le-bogole ba bewe kwa mahuring kana ba fithwe ka e le matlhabisa dithong e fitile, batsadi barwale dithako ba kope mananeo a puso ka go bo puso e tlhapolotse seatla” ga bua mme Lesetedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 26 Jul 2017






