Breaking News

Keabile o itshetsa ka go betla

26 Jul 2017

Go betla ke nngwe ya ditalente tse Batswana ba tswang kgakala ba itshetsa ka tsone mme le mo nakong ya gompieno, bangwe ba sa ntse ba tshwaraletse. 

Rre Tlhopho Keabile, 55 wa Hatsalatladi kwa kgaolong ya Kweneng a re o tswa kgakala a rata go betla. 

Rre Keabile o tlhaloseditse BOPA fa a ise a tsene sekole mme a godile a disetsa batsadi ba gagwe mo e neng e re a disitse, a itise ka go betla. 

A re o simolotse a betla dijoko mme seo sa godisa lorato la gagwe la go betla. 

O supile fa e rile dingwaga di ntse di tsamaya a ya go berekela kwa Gaborone kwa a ileng a ithuta go dira dilwana tsa ntlo. 

A re tse tsotlhe one a ithuta ka go lebelela mo go ba bangwe. 

Rre Keabile a re morago ga go bereka ka dingwaga kwa Gaborone, a bona gore a boele gae go ipereke. 

A re mo nakong ya gompieno o betla dikika, ditilo, metshe le megopo ya Setswana. 

Dikika a re o di betla ka setlhare sa monato ka se le thata. 

A re setlhare sa mogotlho so ne o se dirisa go dira metshe, mme morula o o dirisa megopo le maswana. 

A re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle ka a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. 

A re bajanala le bone ba reka dilwana tsa gagwe, mme seo se mo tiisa moko go tswelela a dira ka natla go kgotsofatsa bareki ba gagwe. 

Ka dikgwetlho di se ke di tlhokega a re ga a na bareki ba ba tsepameng, ka a re go rekiwa nako nngwe segolo jang fa a tsamaya ka tsone a di bapatsa. 

A re kgwetlho e nngwe ke gore ditlhare tse a betlang ka tsone o di latela kgakala mme a turelwe ke sepalamo. 

Rre Keabile a re bareki ba na le go kolota mme ba palelwe ke go duela mme seo se mmusetse kwa morago le go mo kgoba marapo. 

Le fa a lebaganwe ke dikgwetlho tse, a re khansele e mo eme nokeng ka go morotloetsa go loga mekgabisa ka matlakala jaaka dikopi le diketlele. 

A re gape khansele e mo rotloetsa go tsenelela dikgaisano tsa go dira ka matlakala mme o setse a kile a fenya dikgaisanyo tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : HATSALATLADI

Event : Potsolotso

Date : 26 Jul 2017