Ba abetse banni dikgetse tsa raese
26 Jul 2017
Khamphani ya Carapperl Botswana, e abetse banni ba metse ya Matlagatsi, Mantshwabisi le Serinane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng/Lephepe dikgetsi tsa raese di le makgolo a mane le masome a matlhano.
Mogolwane go tswa kwa khamphaneng eo, Rre Modise Molondo o supile fa ba abela batho dijo tseo, tse di tswang kwa mokgatlhong wa Tzu Chi Foundation, o o tlhamilweng ke mme mongwe dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe tse di fetileng, a sena go bona tshotlego e e kwa Taiwan.
O supile fa mme yoo, a ne a na le dingwaga di le masome a mabedi le borataro ka nako eo mme gompieno mokgatlho o, o aname le mafatshe a le masome a supa le borataro, mme o na le dingwaga tse nne o le mo lefatsheng leno.
Rre Molondo o supile fa ba abela dikgaolo tsotlhe tse di lebanweng ke go abelwa ba sa tlhaole, a supa fa ga ntsi ba itebaganya le bagolo, batlhoki le ba-na-le bogole.
O supile gape fa ba na le dingwaga tse pedi ba ntse ba abela kgaolo eo, a bo a tlhalosa fa ba ikaelela go dirisana le mopalamente ya yone gore ba abele banni ba kgaolo ya gagwe dimpho tse di farologanyeng.
Fa a amogela dimpho, mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kablay a supa fa a itumelela dimpho a bo a kopa banni go amogela dimpho ka oo mabedi, ka sejo sennye se sa fete molomo.
O supile fa maikaelelo a bone e le go abela lelwapa lengwe le lengwe kgetsi ya raese gore kwa bofelong mongwe el mongwe a kgone go oba letsogo.
Mopalamente o ne a kopa batho ba kgaolo ya gagwe go nna pelotelele fa ba sa bona sepe, ka a tlaa leka ka bojotlhe go ba kopela dimpho tse dingwe nako e e tlang.
O supile fa a tlaa tswelela a tshwaragane le ba mokgatlho wa Tzu Chi Foundation gore ba tswelele ba abela batho ba kgaolo ya gagwe bogolo thata ba ba kgakala le ditlamelo.
Mokhanselara wa Mantshwabisi, Rre Meshack Tshenyego o ne a leboga mopalamente go ba gopola ka dinako tsotlhe ka a ba tlisetsa baeng ba ba ba thusang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MATLAGATSI
Event : Kabo Ya Dimpho
Date : 26 Jul 2017






