Breaking News

Emisang go goga motsoko - Sefalana

26 Jul 2017

Tiriso ya motsoko ke tshaka e e magale mabedi ka e ama botlhe le ba ba sa gogeng, gammogo le botsogo jwa motho le maitsholo.

Se se builwe ke modulasetilo wa komiti ya botsogo le boitekanelo Mme Galegake Sefalana, mo potsolotsong le BOPA bosheng.

A re go goga motsoko ke bolwetse mo motseng wa bone, a tlatsa ka gore le bana fela ba ba dingwaga di kwa tlase ba setse ba goga.

A re bana ba dingwaga tse di lesome le borataro ba goga motsoko wa dinko gammogo le wa sekerese.

Mme Sefalana a re seemo se, se tshwenya fela thata mme a kopa batsadi go kgalema bana ba bone ga mmogo le go tla ka ditharabololo tsa sennela ruri go bona gore baka fedisa tiriso ya motsoko jang mo motseng wa bone.

O ne a kgala thata batho ba ba gogelang motsoko mo mafelong a setshaba jaaka kwa mapalamelong a dibase, dikokelo le a mangwe fela jalo.

“Go gogela motsoko mo gare ga batho ga se botho gape motho yoo dirang jalo wa bo a bolaya ba ba sa gogeng, ka jalo bagogi ba one ba tshwanetse go o jela kgakala le setshaba,” a tlhalosa Mme Sefalana.

A re maduo a motsoko ke a a seng monate gotlhelele ka motsoko o baka bolwetse jwa kankere, tlhaloganyo le a mangwe a bakang dintsho jaaka a a sa tshelanweng.

A re nngwe ya metswako e e fitlhelwang mo motsokong e bidiwang nicotine e borai fela ka e ama dikaralo tsotlhe tsa mmele gammogo le boboko tota.

“Motswako oo, o kgona go dira gore motho a ikutlwe a le mafolofolo fa a gogile, mme fa o seo lebakanyana mo mmeleng motho a ikutlwe a lapile ka jalo mmele wa bo o tlwaetsa motswako go sena gore o ka dira kwa ntle le one,” a tlhalosa jalo.

Mme Sefalana a re fa motho a goga motsoko o koafatsa makgwafo, ebile o dira gore phefo e seka ya tsamaya sentle ka fa mmele o batlang ka teng.

A re o kgala thata bomme ba ba gogang motsoko ba itsholofetse ka seo se le borai mo maseeng, a tlatsa ka gore ngwana yo amilweng ke motsoko o tshabelelwa ke malwetse a tshwana le a khupelo, go tlhoka pono le a mangwe.

O tlhalosa gore motsoko fela jaaka bojalwa o fetola boleng jwa motho, le dikarolo tsa mmele jaaka moriri, dinala le letlalo, gape motho o ka tsenwa ke kankere ya letlalo.

A re motswako wa nicotine, o ka baka kankere ya molomo, mala, kgokgotsho ga mmogo le dikaralo tse dingwe tse di ka kwa teng, mme a kopa banni ba Bonwapitse go emisa go goga motsoko ka e bile motsoko e se dijo tse di botlhokwa mo mmeleng.

“Motsoko gape o ka rotloetsa malwetse ka bontsinyana jaaka jwa sukiri,” ga bua jalo Mme Sefalana.

A re motsoko o ka thuba malwapa ka gore fa o setse o amile rre, keletso ya tlhakanelo dikobo e ya ko tlase fela thata, fa mo go bomme o dira gore ba seka ba kgotsofalela tlhakanelo dikobo.

O tlhalositse gore motokwane o gogelwa fela mo pontsheng mo malatsing a gompieno, a tlatsa ka gore bogologolo o ne o gogelwa kwa ntle ga motse mo sephiring ka o se ka fa molaong, mme malatsi ano ke mokgabo go ja motokwane.

A re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore bomme le bone ba goga motokwane, a ipotsa gore a mme bana ba tlaa godisiwa sentle ga mmogo le gone go tlhokomelwa sentle.

A re o eletsa gore puso e oketse dikatlholo tsa batho ba ba tshwarwang ka motokwane, a tlatsa ka gore tsa gompieno di kwa tlase fela thata. Mme Sefalana o boletse fa puso e dirisa madi a mantsi thata mo go alafeng bolwetse jwa tlhaloganyo ka ntlha ya tiriso ditagi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : BONWAPITSE

Event : Potsolotso

Date : 26 Jul 2017