Mapodisi ba batla rre wa Ditshegwane
25 Jul 2017
Mapodise a Letlhakeng a kopa setshaba go ba batisa rre mongwe wa Ditshegwane yo o sa leng a nole moro wa tibe kgwedi e e feting e roba bobedi.
E rile a bua mo potsolosong, mookamela mapodise a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse o tlhalositse fa rre yoo, yo o tlholegang kwa kgotleng ya Mokgege a ne a emelela ka maikaelelo a go etela monnawe yo o berekelang kwa dipolaseng tse di mo kgaolong ya Magagarape gaufi le Jwaneng.
Supt Katse a re ka ditlhaeletsano di le boutsana kwa kgaolong eo, ba lelwaspa ba ne ba tsaya lebaka go tlhola gore a rre yoo, yo go kaiwang a ne a tsamaya ka bokoa mo mmeleng, a gorogile kwa a eng a ikaelela go ya teng.
A re e rile morago ga malatsi, mmaagwe a ya kwa polaseng kwa go monnawe go ya go tlhola gore a o gorogile, mme a fitlhela go tlhalosiwa fa a ise a bonale koo.
Rre Katse o tlhalositse fa e ne ya nna gone ba lelwapa ba begelang sepodise mme sebe sa phiri go bo go setse go fetile sebaka sa kgwedi e e tletseng ka ba amogetse pego kgwedi eno e tlhola malatsi a roba bobedi.
A re ka jaana go ne go setse go fetile sebaka, se se ne sa dira gore go mo latedisa e nne kgwetlho, mme a tlhalosa fa mo nakong ya gompieno letsholo la go mmatla le ntse le tsweletse.
A re la bofelo ba utlwalela moshwadile wa gagwe ke kwa nngweng ya dipolase tse di mo kgaolong eo kwa go utlwalang a kile a tsena teng go kopa di ya maleng.
Supt Katse a re ba kopile sepodise sa Jwaneng go ba tswa thuso mme a re ba mo dithulaganyomg tsa go bitsa sefofane sa sepodise sa tlho-tomo go tla go ba lebisa naga.
A re monna yoo, yo a reng o kailwe a le boleele ja 1.7m o tsamaile a apere borokgwe jo bosetlha, kepese e thokwa, ditlhako tse dikhibidu le sotara e botala jwa tlhaga.
Supt Katse o kopile setshaba go nna podi matseba mme ba ba lome tsebe fa ba ka bona rre yoo kgotsa ba ka itse kwa a ka batlelwang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 25 Jul 2017






