Mapodisi a tlhotlhomisa kotsi ya koloi
25 Jul 2017
Mapodisi a Maun ba tlhotlhomisa tiragalo e mogo yone rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano (25) a tlhokafetseng morago ga go thulwa ke koloi kwa kgotlaneng ya Sedie kwa Maun ka bosheng.
Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Maun, Superintendent Motlhaba Ramaabya o tlhalositse fa kotsi eo, e diragetse kgwedi eno e le 23 bosigogare.
Supt Ramaabya o tlhalositse fa rre yoo, a ne a leka go kgabagaya tsela a tswa maitisong gaufi le bara ya Tile Bar le Shell Filling Station.
A re rre yoo, o ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Letsholathebe kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
O tlhalositse fa mme mongwe a ba thusa mo ditlhotlhomisong. Supt Ramaabya o ikuetse mo badirising ba tsela go nna kelotlhoko ka dinako tsotlhe go fema go baya matshelo a bone le a ba bangwe mo diphatseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepo Botshelo
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 25 Jul 2017






