Ba Itsoseng Bagolo Pottery ga ba itebe dinala
25 Jul 2017
Mme Boikgomotso Samakha wa setlhopha sa A re Itsoseng Bagolo Pottery o rotloeditse Batswana go itlhamela mebereko ka ditalente tsa bone go na le go emela ditiro tse ba sa itseng gore di tlaa tla leng.
Mme Samakha o rotloeditse Batswana go kwatabolotsa mo dikgwebong tse di leng teng a re fa motho a na le kgwebo o ka ipelega.
Mo potsolosong le BOPA, Mme Samakha yo e bileng e le modulasetilo wa A re Itsoseng Bagolo Pottery, kwa Kgotleng ya Phokela kwa Serowe a re ke bangwe ba ba tsibogetseng lenaneo la thutho ga e golelwe mme ba direla mo lwapeng.
A re o lemogile bokgoni jwa gagwe jwa go dira ka diatla ka 2010, a le kwa Tutume mme ya re go boeleng ga gagwe mo Serowe ka 2012 a ngoka banni ba bangwe go dira setlhopha.
“Bomme ba le lesome le rre a le mongwe ba nkamogela,” Mme Samakha a tlhalosa.
A re dinkgo tsa bone ba di tshuba ka dibi gore di butswe di iketile mme pheletsong di sa le di le thata.
Mme Samakha a re o ithutetse tlhokomelo ya dibuka tsa madi, go bopa le go kwala sese dirilweng tsatsi le letsatsi ka thotloetso ya ga e golelwe.
A re morafe o atlile dinkgo tsa bone mo bangwe ba kgonang go di beeletsa.
O tlhalositse fa ba tsenelela ditshupo tse di farologaneng go bapatsa dinkgwana tsa bone mme ba rutane maele le ba bangwe.
o tsweletse a re o leboga badirelapuso ka ba ba eme nokeng e bile ba ba rotloetsa go tsenelela dikgaisano le ditshupo.
Mme Samakha a re nkgo e tswa goo lowe e le selwana se se jelang mme mo bogompieno e dirisetswa go kgabisa mo meketeng jaaka mo manyalong.
Nkgo a re e ne e diriswa ka methale e le mentsi, jaaka go baya metsi, go baya bojalwa, go apeela dijo le go baya dijo tse di apeilweng le tse di sa apewang.
Mme Samakha o tlhalositse fa go bopiwa ga nkgo go dibelwa fela jaaka botsetsi, ga go tsene makgarejwana go fitlhela e fetswa.
A re go bopiwa ga nkgo go tlhoka matsetseleko ka fa gongwe nkgo e kgona go thubega e setse e fedile ka le baka la mogote o montsi fa e setse e fisiwa.
A re ba dirisa dibi tsa dikgomo ka mogote wa teng o di siametse go na le dikgong tse di mogote o montsi e bile o feletsa o di thuba.
“Tiro e ya go bopa dinkgo re e kgona ka bopelotelele le talente ya go bopa dinkgo tse di kgatlhang e bile di na le boleng” ga bua Mme Samakha.
O kgothaditse mongwe le mongwe yo o itemogang a le mo botlhoking go inaakanye le mananeo a puso mme a tlhophe se a itseng a se kgona e bile a se rata go intsha mo lehumeng." BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keneilwe Gagoiponwe
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 25 Jul 2017






