Adimang banana masimo le didiba - Kgosi
25 Jul 2017
E re ka banana bontsi ba amiwa ke tlhaelo ya lefatshe, Kgosi Phologolo Ledimo o rotloeditse morafe mo kgaolong ya bokone bophirima go adima banana didiba le masimo a beng ba sa a diriseng.
Kgosi Ledimo o tlhaloseditse BOPA fa bontsi mo kgaolong ya bokone Bophirima, bogolo jang bagolo ba na le didiba le masimo mme ba sa di dirise ka jalo go ka nna botlhokwa go di adima banana gore ba kgone go tsaya mananeo a puso go itshetsa.
O supile fa bontsi jwa masimo le didiba tse, beng ba tsone ba inaakantse le dikgwebo tse dingwe kwa ditoropong, fa bangwe e le batsofe ba ba sa tlholeng ba ka kgona go lema le go rua fa bangwe ba sena madi go ka tlhabolola masimo le go lema lefatshe lotlhe.
Kgosi a re bangwe ga ba na lorato mo temo thuong mme ba felela ba tlogela masimo le didiba ba sa di dirise.
O supa fa go adima banana lefatshe go le botlhokwa ka go bo bontsi bo sena tshono ya go nna le lefatshe le ba ka direlang dikgwebo mo go lone, mme fa ba ka adimiwa lefatshe ba ka kgona go itlhamela ditiro ba bo ba thape banana ba bangwe.
A re seo se ka namola banana mo lehumeng le le bakwang ke letlhoko la ditiro, go ba ntsha mo mekgwatlheng mo go felelang go ba dirile gore ba inaakanye le ditiro tsa botlhokatsebe le nnotagi.
“Banana bangwe ba na le keletso ya go tsaa mananeo a puso a temo thuo mme sebe sa phiri e nne letlhoko la lefatshe, mme fa ba ka adimiwa lefatshe mananeo a puso a ka ba sologela molemo,” Kgosi Ledimo a tlhalosa.
A re banana ba na le bokgoni jwa go ka tsosolosa le go tlhabolola masimo le didiba ka go bo puso e ba fa tshono ya go ikopela madi go simolola dikgwebo.
Kgosi Ledimo a re go thusa banana ka masimo go ka thusa go tsosolosa mohama wa temo thuo mme lefatshe leno le kgone go ntsha dijo tse di lekaneng, se se fokotse go reka dijo kwa mafatsheng a sele, mme itsholelo le yone e tokafale.
A re masimo le didiba tse di sa dirisiweng di oka borukhuthi.
Kgosi o supile fa bangwe ba felela ba rekisa lefatshe mme go le botoka go dira letseno ka lone go na le go le rekisa ka e bile boleng jwa lefatshe bo oketsega ka go tsamaya ga dinako.
A re go a tle go nne le dikgetsi tse batho ba adimiwang lefatshe mme ba felele ba le rekisa e se la bone mme go tsoge dikgogakgogano.
“Ka motho o fiwa setlakana se se supang fa e le mong wa lefatshe leo ka nako yone eo, bangwe ba felela ba dira matlhale ba leke go amoga lefatshe beng ba lone mme dikgang tse di felele mo makgotleng a Setswana le a molao,” kgosi a tlhalosa.
O gakolotse ba ba adimiwang lefatshe go dirisanya sentle le ba ba thusitseng ka go tlhokomela lefatshe le ba le adimiwang mme ba netefatse gore tikologo ya bone e nna phepha ka dinako tsotlhe gore lefatshe le seka la latlhegelwa ke boleng.
E re ka mokodue go tsoswa o itsosang , o gakolotse banana go ikopanya le ba ba nang le lefatshe ba sa le dirise go dira dithulaganyo le bone gore ba ka kgona go thusana ka Setswana se re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 25 Jul 2017






