Batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng
24 Jul 2017
Batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ka bana ba tsaya malebela mo batsading fa ba gola.
Se se builwe mo potsolosong ke mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Zoroga, Mme Jacqueline Chimbise.
A re bana ba tshwanetse go tsewa tsia fa ba buwa, gape ba reediwe go sa twe ba bannye ka seo se tla ba thusa mo dikakanyong tsa bone.
A re ka jalo ba na le bokgoni ba tlhoka fela go bontshiwa gore dilo di dirwa jang, mme seo gape se ba thuse go itse go tshela le batho ba bangwe le go amogela mongwe le mongwe ka tekatekano.
“Tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng gape e e anywang e leletse e ruta e mo maleng,” a tlhalosa jalo.
Mme Chimbise a re bana ba tshwanetse go rutiwa ditiro tsa diatla e bong go loga le go tlhokomela le leruo ba sale bannye.
A re mo sekolong sa bone go nale mokgatlho wa masupa tsela o bana ba o dirisang go itshidila maikutlo le go ithuta dilo dile dintsi tse di amanang le botsogo le go dirisana le ba bangwe sentle.
O tsweletse ka go supa fa bana ba tlhokana le batsadi ba ba dirang dilo sentle mo botshelong.
O rotloeditse batsadi gore ba nne le sebaka sa go nna le bana.
A re ba buisane le ngwana gape ba mo rute ditiro tsa mo lwapeng, a sa rutwe ka go galefelwa, go buiwa le ene ka bonolo a tlhalosediwa sentle, mme e seng go mo emela gore a senye o bo o mo raya o re o kabo o dirile jaana.
“Batsadi ba itlhaganelela go kgalema go na le go ruta,” ga bua jalo Mme Chimbise.
O tladitse ka gore motsadi ga a tshwanela go baya molato ope mo ngwaneng, mme a itlhaganelele go tsaya boikarabelo jwa ngwana ka e le ene a letleletseng gore seo se diragale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : ZOROGA
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2017






