Ba rotloediwa go ja dijo tsa Setswana
24 Jul 2017
Modulasetilo wa komiti ya botsogo kwa Bonwapitse, Mme Galegake Sefalana a re lefatshe la Botswana le dirisa madi a mantsi go lwantsha malwetse a pelo le a go tlhoka go ja sentle.
Mme Sefalana o buile mafoko a mo potsolosong le ba BOPA bosheng, a tla a gatelela gore mathata a a bakang malwetse a pelo ga mmogo le a sukiri ke go tlhoka go itshidila le go ja sentle.
A re mo dingwageng tse di kwa morago bolwetse jwa HIV/AIDS, bo ne bo di goga kwa pele mo mading a go bo lwantsha, mme a supa fa mo nakong ya gompieno madi a mantsi a lebaganngwa le go lwantsha malwetse a a sa tshelanweng jaaka a pelo le a mangwe.
A re batho ba tshwanetse go itshidila gore mebele ya bone e nne e itekanetse ga mmogo le go fokotsa go ja mafura, letswai le sukiri kadi le borai fela thata.
Mme Sefalana a re ba le komiti ya botsogo ba etela malwapa go ruta ka malwetsi a a farologanyeng a akaretsa sukiri, madi a matona le a mangwe fela jalo.
O tlhalositse fa go le botlhokwa go itlhatlhobela bolwetsi jwa sukiri, a tlhalosa fa go ka tlhofofatsa go bo thibela fa motho a sena jone.
E re go le jalo, a re fa bolwetse jo bo ka se tsibogelwe nako e santse e le teng, bo ka baka gore motho a latlhegelwe ke botshelo.
O ne a tswelela a tlhalosa gore malwetse a, a bakwa ke ka fa batho ba itlhophetseng go tshela ka teng.
O ne a bolela fa go nwa bojalwa, go goga motsoko, go ja dijo tse di nang le sukiri le mafura a mantsi, go tlhoka go itshidila mmele le go tshwenyega maikutlo e le dingwe tsa dilo tse di bakang malwetsi a.
Le fa gontse jalo, Mme Sefalana o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore banni ba ithute go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone, mme e bile ba ikgaphe mo go nweng bojalwa le go goga metsoko.
A re o rotloetsa banni go ja dijo tse dinang le moroko o montsi jaaka mmidi,mabele kana dijo tsa Setswana ka kakaretso.
O ne a gatelela botlhokwa jwa gore banni ba tlhomamise gore ba ya kokelong go tlhatlhobelwa malwetse a gangwe le gape.
Fa a itebaganya le banana, Mme Sefalana o kgadile a sa kgale mathe botlhe ba ba sa diriseng ditlamelo tsa puso jaaka dikausu go itshireletsa mo malwetseng a tlhakanelo dikobo.
A re go mo pontsheng ka dipalo di supa fa banana e le bone ba ba amilweng ke bolwetse jwa HIV/AIDS le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo thata, ka jalo ba tshwanetse go itlhokomela ka nako tsotlhe.
O gateletse botlhokwa jwa go dirisa sekausu fa e le gore banana ba palelwa ke go itshoka go fitlhela nako ya nyalo.
A re mme lefa batho ba nyalane, ba tshwanetse go dirisa sekausu. Mme Sefalana a re o kopa banana go emisa mokgwa wa go nna le bakapelo ba feta bongwe, a re seo se borai mo matshelong a bone ka se ka anamisa bolwetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : BONWAPITSE
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2017






