Breaking News

Moselewapula o epiwa go sa le gale - Dow

24 Jul 2017

Maloko a komiti ya ditshupo mo kgaolong ya Kgatleng a kopilwe go baakanyetsa ditshupo tsa kgaolo eo ka nako.

Fa a bua mo moletlong wa go kokoanyetsa ditshupo tseo madi ko dijong tsa bosigo ko motseng wa Rasesa ka Labotlhano, Tona wa Thuto go tswa kwa moding, Dr Unity Dow o boletse gore tiro eo e ka atlega fela fa ba kokoanya madi nako e santse e le teng go na le gore ba dire moletlo oo letsatsi pele ga ditshupo.

Dr Dow a re nako e tsile ya gore komiti eo e eme ka dinao go godisa ditshupo a tlatsa ka gore ditshupo di botlhokwa fela thata ka ke yone nako e mo go yone balemi le bagwebi ba supang dithoto le diruiwa tsa bone.

Tona o ne a rotloetsa maloko ao go tswa ka methale e e farologaneng go kokoanya madi gore ba fitlhelele maikaelelo a komiti ya bone.

A re go tlhoka go dira jalo go ya go kgoba marapo balemi le bagwebi ba e leng bone tshoso e rweleng mo mhameng wa ditshupo.

Le fa go ntse jalo o ne a supa fa le bone ba  tlaa ema ka dinao go netefatsa gore ditshupo tsa kgaolo eo ga di phutlhame a tlatsa ka gore le ko lephateng la bone la thuto go tswa ko moding ba mo tseleng ya go fetola dithuto gore go nne le fa bana ba ithutang tiro ya diatla teng mme le tsa temo-thuo di le mo teng.

Dr Dow a re mo nakong e e fetileng thuto ya diatla e ne e sa tsewe tsia mme seo se fetogile a supa fa nako e tsile ya gore Batswana ba itirele ka matsogo go na le go reka dithoto ko ntle ga lefatshe leno.

E ne ya re a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti eo Rre Naphtal Kaeparura a bolela fa ba bone go le maleba go dira moletlo wa go kokoanya madi e le tsela ya go godisa ditshupo tsa kgaolo ya bone.

O tlhalositse fa e le tsela gape ya go golaganya bagwebi le balemi gore ba tle ba bereke mmogo go godisa ditshupo tseo.

Rre Kaeparura o tlhalositse fa ditshupo tsa kgaolo ya Kgatleng di saletse ko morago thata fa a tshwantshanya le tsa dikgaolo le tse dingwe mme o ne a kopa bao ba ba neng ba tsile ko moletlong oo go ba rotloetsa le go ba ema nokeng.

Madi a a neng a kokoanngwa ko moletlong oo a ne a ka tshwara P9 300 mme Tona Dr Dow ene a ba tshephisa fa a tlaa ba thusa ka sepagamo fa ba tlhoka go ya go ithuta mo go ba bangwe ka tsamaiso ya ditshupo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : RASESA

Event : Moletlong wa go kokoanyetsa ditshupo madi

Date : 24 Jul 2017