Bomme ba kgothadiwa go inaakanya le thuo
24 Jul 2017
Go tswa goo lowe, itsholelo ya lefatshe la Botswana le botshelo jwa Motswana di ne di ikaegile thata ka temo-thuo, pele ga diteemane le ditswa-mmung tse dingwe.
Diane le dithamalakane dingwe di supa sentle boleng jwa leruo mo botshelong jwa Motswana bogolo thata matlhogoputswa.
Le mororo botshelo bo fetogile, Batswana bangwe ba santse ba tshwere ditso tsa go rua mme ba dirisa mefuta ya temo ya segompieno e e tlhabolotsweng go gweba ka leruo eseng fela go itshetsa mo lwapeng jaaka ene ele tlwaelo bogologolo.
“Re gola re bona kgomo e ruiwa mo malwapeng a rona mme e re namola mo dilong di le dintsi jaaka fa gole dintsho, manyalo, go tsenya bana dikolo le mathata a mangwe fela a lelwapa,” se se tlhalositswe ke Mme Agisanyang Kgotla jaaka ane a bua ka lorato la gagwe mo thuong ya dikgomo.
O kaile kafa sekolo se segolo sa University ya Botswana se agilweng ka seabe sa motho mongwe le mongwe kgomo ka nako e lefatshe le neng le sena meamuso e mentsi mme itsholelo e ikaegile ka kgomo kana leruo.
Mme Kgotla wa kgwebo ya dikgomo e e bidiwang Mpopothi o akgotse puso ka lenaneo la go tlhobolola matshelo a bomme la Gender Affairs go bo ba rotloetsa mohama wa thuo.
Mme Kgotla yo o mo kgwebong e e tlhakanetsweng le ba bangwe bale bane, are Gender Affairs e ba file madi a kana ka P238 640 go simolodisa kgwebo ya bone ka ngwaga wa 2011.
“Re ne ra aga masaka le go reka dikgomo di le 41 le dijo le melemo mme gompieno re nale dikgomo di le 29 le dinamane di le 66 mme re kile ra swelwa ke dikgomo di le 15 le dinamane di le 29.”
A re kgwebo ya leruo ke ‘teemane’ ka jalo o kgothaditse bomme go inaakanya le go tsena mo kgwebong ya go rua le gone go dirisa mananeo a puso go itshimololela dikgwebo.
“Re ne re ile ditshupong tsa dikgwebo tsa bomme bosheng mme ke itemogetse gore bomme ba barui ba tsena mo seatleng, ba boutsana. Bontsi jwa bomme ba dira dikgwebo tsa ditlhare, go apaya, go roka jalo jalo, tse eleng gore di setse di le dintsi thata. Ke akanya gore bomme ba tshwanetse go itse gore ba nale bokgoni jwa go rua ka jalo ba tsene mo kgwebong e ka gore e nale dipoelo tse di nametsang.”
O tsweletse a supa gore puso e dirile bontle thata ka gore jaanong mmaraka wa nama ya Botswana o teng kwa mafatsheng a a kwa ntle mme a kaya fa seo se baya lefatshe leno mo tshiamelong ya kgolo mo go tsa kgwebo le tirisanyo mmogo le mafatshe a sele.
Mme Kgotla o tsweletse a supa gore kgwebo nngwe le nngwe e kopana le dikgwetlho mme le fa gontse jalo, o tlhalositse gore pheko le molemo wa tsotlhe ke lorato mo kgwebong e motho ae dirang.
A re kgwebo e e tlhakanetsweng kgotsa ya setlhopha le yone e nale dikgwetlho mme go nale tse dintle tse motho a ka di nwang moro jaaka go thusana le go naalana dikitso kana thuto ka tsa kgwebo.
O tsweletse a kaya gore Mpopothi e e agilweng ke bomme ba le batlhano le rre a le mongwe e godile fela thata fa e sale e simologa ka ngwaga wa 2011.
O supile gore o kgonne go gwetlha le go rutuntsha setlhopha sa bomme ba ba ruang dipodi le ba dikgomo le ba merogo.
Maikaelelo ke go tsena mo kgwebong ya temo-thuo go tlhabolola matshelo a bone le motse wa Khudumelapye ka kakaretso le go godisa Botswana.
“Re setse re bone lefelo fa re yang go direla teng. kgwetlho e tona ke metsi mme re ikaelela go phunya didiba mo lefelong le,” Mme Kgotla a nankola ka boripana.
Mme Kgotla a re go botlhokwa gore motho a batle thuto le thuso mo go ba leruo fa ba eletsa go simolola kgwebo ya go rua. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Karabo Molosi
Location : KHUDUMELAPYE
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2017






