Komiti e tlosolosa ditshupo tsa Tsabong
23 Jul 2017
Komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa temo-thuo tsa Tsabong e tsere tshwetso ya go tlosolosa ditshupo tseo tse di neng di tshwanetse go simolola kgwedi eno e le masome mabedi le bone go fitlha e le masome mabedi le borobabongwe.
Fa a rola mafoko ao mo phuthegong e e neng e tsenwe ke badirelapuso ba ba mo dikomiting tsa dipaakanyo, modulasetilo wa ditshupo, Rre James Samson o boletse fa ba tsere tshwetso ya go tlosolosa ditshupo tseo ka gore badirelapuso ba ntse ba goga dinao go tsenya letsogo.
O tlhalositse fa mo nakong e go sena le fa e le tsone diruiwa tse di tlaa bong di supiwa mme a re ke ka moo ba tsereng tshwetso ya go tlosolosa tiro eo, a tlatsa ka go re ofisi ya ga molaodi le ya lephata la temo-thuo ke tsone tse di ka bong di ne tsa goga tiro eo kwa pele.
Maloko a mangwe a komiti eo a ne a tlatsa Rre Samson gore ditshupo tseo di tlosolosiwe ka ntata ya gore ga di a baakanyediwa sentle.
Ba tlhalositse gore ga go tlhabise ditlhong gore e re go sa ipaakanngwa sentle, go tsewe tshwetso e ba e tsereng gore tiro e eme.
Ba re le bone batho ba ba neng ba solofetswe go reka ditlankana tsa go supa didirisiwa tsa bone kwa ditshupong tseo ga ba yo, mme e le ba metlaagana ya dijo fela.
E ne ya re ba fetsa go bua, komiti eo ya maloko a le lesome ba tlogela bokopano joo bo ise bo fele mme ga sala ba le babedi fela.
Fa a tswa la gagwe mo boemong jwa badirelapuso, Rre David Molefhe o ne a tlhalosetsa komiti eo ya ditshupo gore badirelapuso tiro ya bone mo medirong ya mofuta o ke go fa dikgakololo le thuso fa ba e kopiwa.
O tlhalositse gore le fa e le ka letsatsi lepe ga a ise a utlwe ope wa maloko a komiti a supa fa badirelapuso ba gana go tsenya letsogo mo tirong eo, mme ka jalo a hakgamadiwa ke mafoko a modulasetilo a gore badirelapuso ga ba tsenye letsogo mo tirong eo.
O supile gape gore tshwetso ya mofuta o eka nna ya dira gore barotloetsi ba nne maoto a tshupa mo nakong ee tlang segolo jang ka ebile go tlosolosiwa fela nako e setse e gorogile.
Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa lephata la temo-thuo mo Kgalagadi, Rre Bornwell mabechu a re o swabile nko go feta molomo ka kgang yago tlosolosiwa ga ditshupo.
A re o hakgamadiwa ke gore bone e le lephata ba dirile gotlhe mo ba tlholang bago dira, go tlhakana le gone go ntsha badiri gore ba nne ba tsenelela bokopano jo.
Badirelapuso ba boletse gore bagolo ba motse ba tshwanetse go itse gore ba tsile mo kgaolong go tla go thusa, mme ka jalo ba ba bulele dipelo ba bereke le bone sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Paakanyetso Ditshupo
Date : 23 Jul 2017






