Breaking News

VDC pinagare ya ditlhabololo tsa motse

23 Jul 2017

E re ka jaana komiti ya ditlhabololo tsa motse e le yone palamente ya legae e bile e le yone mmangmmang mo ditlhabololong tsa motse, go botlhokwa gore komiti e kopane kgapetsakgapetsa go lekola gore e kgonne eng, go retetse fa kae.

Tsamaiso e ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa magae e setse e le selo modiro go ralala  lefatshe ka bophara ka kemo-nokeng ya dikhansele.

E rile a bua mo potsolosong le BOPA, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Lehututu, Rre Bassie Ramomo a re VDC e dira namane e tona ya tiro ya go tsholetsa itsholelo ya motse wa bone ebile ditlhabololo tsotlhe tse di dirwang mo motseng , di dirwa ka tshwetso ya morafe mme di tsamaisiwa ka fa tlase ga leitlho ya VDC. 

A re goromente o lemoga botlhokwa jwa VDC  ke sone se a e lekodisang pele ga a ka tsaya tshwetso nngwe ya go tlhabolola motse wa Lehututu.

O tlhalositse gore lenaneo la Ipelegeng le e leng lone le femang serodumo sa letlhoko la ditiro ka go thaba batho ba bantsi ka nakwana mo motseng le tsamaisiwa  ke VDC le khansele potlana ya Hukuntsi. 

A re se itumedisang ke gore bobedi joo bo itse go tshwara teu mmogo.

A re ditiro tsotlhe tsa Ipelegeng ba leka gore di fela ka nako ee beileng  le ntswa go kgona go nna le madiadia fale le fale.

Rre Ramomo a re VDC e thusa gape thata ka fa babereki mo motseng boroko, le ntswa e lebangwe ke kgwetlho ya babereki ba ba sa dueleng ka fa tshwanelong mo ba felelang ba na le dikoloto tsa mekoakoa ya madi. 

A re komiti ya gagwe e tshwere phage ka mangana go leka go batla dikoloto tsa VDC dingwe mo teng e le tsa dingwaga tsa bogologolo.

Sengwe se se tshwanetseng go itelwa legofi, a re komiti ya gagwe sale e tsaya kwa ngwaga wa 2016 e dirile maiteko a go batla ditsela dingwe tse di ka ba thusang go fenya kgwetlho eo ya go sa dueleng sentle. 

A re komiti ya ditlhabololo jaaka e le yone pinagare ya ditlhabololo, e tshwanetse go nna le madi mo letloleng gore e kgone go tlhabolola motse, a tlatsa ka gore madi a VDC a tshwanetse go dirisiwa sentle ebile ga go a tshwanela go tsaya lobaka lo loleele dibuka tsa madi di sa dubiwa.

A re maloko a komiti ya ditlhabololo a tshwanetse go itse fa batho ba ba tlhopile ka ba na le tshepho le tumelo mo go bone ya gore ba tlaa dira tiro ya bone ka natal le manongthoto. 

A re maloko a tshwanetse go itshwara sentle fa pele ga morafe ka nako tsotlhe e bile ba thamega go nna ba ntlha go araba pilediwa nngwe le nngwe kwa kgotleng, a tlatsa ka gore batho ba seka ba tsenela VDC gore batle ba berekela ruri mo Ipelegeng jaaka e setse e le tumelo ee jwetseng mo morafeng wa bone.

Le go ntse jalo, Rre Ramomo a re ga a jesiwe dilwelang ke boitsholo jwa bangwe batho mo motseng ba ba tsayang gore VDC ke lekgotla la bopelotlhomogi mo  e reng ba fiwa matlo a bonno kana a borekisetso ba seke ba dirisane sentle le komiti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Eric Raphuti

Location : LEHUTUTU

Event : Potsolotso

Date : 23 Jul 2017