Senkgwe poloko ya bomme ba Poloka
23 Jul 2017
Motswana fa a re mosadi ke thari ya setshaba o a bo a etse dilo tlhoko.
Mafoko a o ne a sa a buele fa godimo ga lefela, bokao jwa puo e bo a diragala kwa Poloka mo kgaolong ya Shoshong.
Bomme ba bararo ba Poloka, ebong Julia Amedius, Maitumelo Bamphorile le Khutsafalo Pebe ba belege morafe wa bone ka go ba fepa ka borotho go gtswa kwa Poloka Bakery.
Mo potsolosong le BOPA bosheng, dithakga tse tsa kapei ya borotho di tlhalositse fa toro ya bone ya go ipona ba apaya borotho e simolotse ka 2009 ba le mo phuthegong ya kgotla.
Ba tlhalositse fa ka nako eo boraro jo bo ne bo ntse go bapa mme mafoko a a neng a buiwa ka nako eo a ba fa lesedi la go ka ipulela kgwebo.
Mme Pebe o tlhalositse fa morago ga phuthego ba seka ba tlhola ba leba kwa morago mme ba buisanya le ba ofisi ya boipelego go ba thusa ka tsela e ba tshwanetseng go e tsaya gore ba felele ba kgona go thusiwa ka madi.
A re ba ofisi ya boipelego ba ba kopanya le ba lekgotla la mafatshe a Europa gammogo le ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao.
Mme Pebe a re ba ne ba thusiwa ka P150 000 ke ba EU go reka didirisiwa tsa kapei ya borotho mme ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao ba ba thusa ka P100 000 go aga madirelo ka 2010.
Mme Pebe o tlhalosa fa ba ithutetse kapei ya borotho kwa sekoleng sa ithutelo ditiro tsa diatla sa RIIC kwa Kanye gone ka 2010 mme ithutuntsho eo e e neng e ba ruta ka go tshwara dijo, go meta metswako gammogo le yone kapei ka sebele e tsere dibeke tse tlhano.
O kaile fa ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao go lemoga gore ba tlhaela sengwe ba ba isa ithutuntshong kwa Mahalapye e yone e neng e remeletse mo botsipeng jwa go tsamaisa kgwebo.
Fa a latlhela tlhware legonnyana, Mme Bamphorile o kaile fa bareki bagolo ba bone e le sekole sa motse oo.
O sedimosa gore sekole se ne se rekela baithuti borotho kwa ntle ga Poloka mme fa e sale ba inaakanya le go apaya seemo sa fetoga.
Mme Bamphorile a re le baagi ba motse wa bone le bone ka bongwe ka bongwe ba reka mo go bone, a re borotho jwa bone bo a ipuelela gape ba apaya marotho a a farologanyeng a ba a rekisang ka ditlhwatlhwa tse di lekanetseng.
O boletse fa botshelo bo tokafetse thata fa ba sale ba bula madirelo a a bone.
A re e bile ba kgonne go ikagela matlo a boroko gape ga ba lale le tlala le bana ba kgona go ba rekela paka ya sekole.
Bomme ba, ba tlhalositse fa mokoduwe go tsosiwa o o itekang, ka jalo Batswana ba ikemele ka dinao ba tlhame mebereko e bile fa ba tlhaelang teng ba dirise mananeo a puso e a tlhamileng go ba ntsha mo lehumeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moleleki Tsholofetso
Location : POLOKA
Event : Potsolotso
Date : 23 Jul 2017






